Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 5

Nka Dira Eng fa ke Kgerisiwa Kwa Sekolong?

Nka Dira Eng fa ke Kgerisiwa Kwa Sekolong?

BOTLHOKWA JWA SENO

Tsela e o tsibogang ka yone e ka tokafatsa dilo—kgotsa ya di dira maswe le go feta.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Akanya ka boemo jono: Thomas ga a batle go ya sekolong gompieno. Ga a batle go ya sekolong ka moso, tota e bile ga a tlhole a batla go ya sekolong gotlhelele. Bothata bo simologile dikgwedi tse tharo tse di fetileng fa baithutimmogo le ene ba ne ba anamisa maaka a a mo senyang leina. Morago ga moo, ba ne ba mmitsa ka maina a tshotlo. Ka dinako tse dingwe mongwe o phaila dibuka tsa ga Thomas a bo a dira e kete e ne e le phoso, kgotsa mongwe mo setlhopheng se se mo morago ga gagwe o a mo kgorometsa mme fa a retologa, ga a lemoge gore o kgoromeditswe ke mang. Maabane dilo di ne tsa nna maswe le go feta fa a ne a amogela molaetsa wa Internet o o mo tshosetsang . . .

Wena o ne o tla dira eng fa o ne o le Thomas?

EMA MME O AKANYE!

Ga se gore ga o na maatla gotlhelele! Tota e bile, o ka kgona go fenya mokgerisi kwantle ga go lwa le ene. O ka dira seno jang?

  • O SE KA WA TSEEGA MAIKUTLO. Baebele ya re: “Seeleele se tle se bolele botlhale jotlhe jwa sone, mme motho yo o botlhale o a bo kganela a bo didimatse.” (Diane 29:11, Baebele e e Boitshepo) Fa o nna o ritibetse—o dira e kete ga o a tshoga—ba ba go kgerisang ba ka nna ba itlhoboga.

  • O SE KA WA IPUSOLOSETSA. Baebele ya re: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.” (Baroma 12:17) Go batla go ipusolosetsa go ka gakatsa dilo.

  • O SE KA WA ITSENYA MO MATHATENG. Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Go ya bokgakaleng jo bo rileng, tila batho ba ba ratang go rumolana o bo o tile maemo a mo go one o ka nnang wa kgerisiwa.

  • LEKA GO ARABA KA TSELA E BA NENG BA SA E SOLOFELA. Baebele ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale.” (Diane 15:1) O ka nna wa leka go dira motlae. Ka sekai, fa mokgerisi a go raya a re o mokima, o ka nna wa tshikinya magetla o bo o mo raya o re, “o bua nnete, ke mokima tota!”

  • ITSAMAELE. Nora wa dingwaga di le 19 a re: “Go didimala go bontsha gore o godile mo tlhaloganyong le gore o nonofile go feta motho yo o go kgerisang. Go bontsha gore o na le boikgapo—sengwe se mokgerisi a se nang sone.”—2 Timotheo 2:24.

  • LWELA GO ITSHEPA. Gantsi bakgerisi ba kgona go lemoga batho ba ba inyatsang, ba go ka diregang gore ba se ka ba kgona go itwela. Mme gone, bakgerisi ba le bantsi ba tla tlogela go go tshwenya fa ba lemoga gore ga o ba letle gore ba go gatelele.

  • BOLELELA MONGWE. Motho mongwe yo e kileng ya bo e le morutabana a re: “Ke kgothaletsa mongwe le mongwe yo o kgerisiwang gore a bolelele mongwe. Ke selo se se siameng e bile se ka dira gore batho ba bangwe ba se ka ba kgerisiwa.”

Go itshepa go tla go naya maatla a motho yo o go kgerisang a se nang one