Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 6

Nka Emelana Jang le Kgatelelo ya Balekane?

Nka Emelana Jang le Kgatelelo ya Balekane?

BOTLHOKWA JWA SENO

Fa o ikemela, o tla kgona go laola botshelo jwa gago go na le go letla ba bangwe ba bo laola.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Akanya ka boemo jono: Fa Brian a bona baithutimmogo le ene ba babedi ba tla kwa go ene, o ikutlwa a segwa ke mala. Ba lekile go mo pateletsa go goga ka makgetlo a mabedi mo bekeng eno. Leno e tla bo e le lekgetlo la boraro.

Mosimane wa ntlha o mo raya a re:

“O a bo o ntse o le nosi gape? Mma ke go itsise tsala ya me.”

Fa a bua lefoko “tsala” o mo tsipela leitlho a ntse a ntsha sengwe mo pateng a bo a isa letsogo kwa go Brian.

Brian o lemoga gore mosimane yono o tshwere sekerete. O tshoga le go feta.

Brian o mo raya a re: “Nnyaa. Ke setse ke go boleletse gore ga ke . . . ”

Mosimane wa bobedi o mo tsena ganong: “Tlogela bogatlapa monna!”

Brian o nna pelokgale a bo a mo raya a re: “Ga ke legatlapa!”

Mosimane yono wa bobedi o khabara Brian mo legetleng. O bua jaana ka bonolo: “Se tseye fela.”

Mosimane wa ntlha o atametsa sekerete mo sefatlhegong sa ga Brian a bo a mo sebela jaana: “Re ka se bolelele ope ka seno.”

Wena o ne o tla dira eng fa o ne o le Brian?

EMA MME O AKANYE!

A tota balekane ba ga Brian ba ile ba akanyetsa se ba se dirang? A ba ile ba itirela ditshwetso? Ga go bonale jalo. Go bonala ba ile ba ineelela tlhotlheletso ya ba bangwe. Ba batla gore ba bangwe ba ba amogele, ka jalo, ba ba letla gore ba tlhotlheletse se ba se dirang.

Fa o ne o ka lebana le boemo jo bo tshwanang, o ne o tla tsaya kgato efe o bo o emelana le kgatelelo ya balekane?

  1. BONELA DILO PELE

    Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”—Diane 22:3.

    Gantsi o ka kgona go bona bothata bo sa ntse bo le kgakala. Ka sekai, a re re o bona baithutimmogo le wena ba le kwa pele ga gago, ba goga motsoko. Fa o lemoga gore go tla nna le bothata, o tla ipaakanyetsa go lepalepana le jone.

  2. AKANYA

    Baebele ya re: ‘Nna le segakolodi se se siameng.’—1 Petere 3:16.

    Ipotse jaana: ‘Fa nako e ntse e ya, ke tla ikutlwa jang fa ke sala mmudubudu morago?’ Gone ke boammaaruri gore o ka nna wa tila ka nakwana go kgaphelwa kwa thoko ke balekane ba gago. Mme gone, o tla ikutlwa jang moragonyana? A o iketleeleditse go fetola se o leng sone e le fela gore o itumedise baithutimmogo le wena?—Ekesodo 23:2.

  3. DIRA TSHWETSO

    Baebele ya re: “Yo o botlhale o a boifa [kgotsa o kelotlhoko].”—Diane 14:16.

    Nako nngwe rotlhe re tshwanelwa ke go dira tshwetso le go lebana le ditlamorago tsa yone. Baebele e bua ka banna ba ba jaaka Josefa, Jobe le Jesu, ba botlhe ba ileng ba dira ditshwetso tse di siameng. Gape e bua ka Kaine, Esau le Judase, ba ba ileng ba dira ditshwetso tse di sa siamang. Wena o tla dira eng?

Baebele ya re: ‘Dira ka boikanyegi.’ (Pesalema 37:3) Fa e le gore o akanyeditse ditlamorago tsa tshwetso e o e dirang e bile o baakantse mogopolo, go tlhalosa boemo jwa gago go ka nna motlhofo tota—e bile go ka nna le diphelelo tse di molemo.

O se ka wa tshwenyega—ga o tlhoke go tlhalosa thata. Go bua fela o re NNYAA mme gone o tiisitse, go ka tswa go lekane. Kgotsa fa o batla go tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore ga o kitla o ineela, o ka nna wa re:

  • “Lo se ka lwa ntsenya mo kgannyeng eo!”

  • “Nka se dire jalo!”

  • “Gakere lo a itse gore nna ga ke dire dilo tseo!”

Selo sa botlhokwa ke gore o arabe ntle le go senya nako e bile o tlhatswegile pelo. Fa o dira jalo, o ka gakgamadiwa ke go bona balekane ba gago ba go tlogela ka yone nako eo!

GO EMELANA LE GO SOTLIWA

Fa o ineela fa balekane ba gago ba go gatelela, o tla tshwana le roboto e ba e laolang

Gotweng fa balekane ba gago ba go ja ditshego? O tla dira eng fa ba re: “Bothata ke eng—a o legatlapa?” Lemoga gore tota seno ke kgatelelo ya balekane. O ka tsiboga jang? O ka tsaya nngwe ya dikgato tseno.

  • O ka dumalana le se ba se buang. (“Ee, ke tshogile!” Go tswa foo o bo o tlhalosa lebaka la gago ka bokhutshwane.)

  • O ka nna wa lebisa kgang eo mo go bone. Tlhalosa lebaka la go bo o gana, go tswa foo o bo o dira gore ba akanye sentle. (“Ke ne ke ithaya ke re lo botlhale mo lo ka se gogeng motsoko!”)

Fa balekane ba gago ba tswelela ba go sotla, itsamaele! Gopola gore fa o nna lobaka lo loleele fa go bone, ba tla go gatelela le go feta. Fa o tsamaya, o bontsha gore ga o batle ba bangwe ba fetola se o leng sone.

Boammaaruri ke gore o ka se tile kgatelelo ya balekane. Mme gone, o ka tlhopha se o batlang go se dira, wa tlhalosa boemo jwa gago wa bo wa ikemela. Kwa bofelong, ke wena o tshwanetseng go dira tshwetso! —Joshua 24:15.