Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 8

Ke Tlhoka go Itse Eng ka go Sotliwa ka Thobalano?

Ke Tlhoka go Itse Eng ka go Sotliwa ka Thobalano?

BOTLHOKWA JWA SENO

Ngwaga le ngwaga batho ba le dimilione ba a betelelwa kgotsa ba sotliwa ka thobalano mme gantsi go diragalela basha.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Motho yo a neng a tlhasela Annette o ne a mo latlhela fa fatshe pele a ka lemoga se se neng se direga. Annette a re: “Ke ne ka leka sotlhe se nka se kgonang go mo lwantsha. Ke ne ka leka go goa mme lentswe la me le ne la felelwa ke maatla. Ke ne ka mo kgorometsa, ka mo raga, ka mo itaya ka mabole le go mo ngapa. Mme ke ne ka utlwa a ntlhaba ka thiba. Ke ne ka tseana.”

Wena o ne o tla dira eng fa o ne o le mo boemong joo?

EMA MME O AKANYE!

Le fa gone o ka tswa o ipaakantse—gongwe ka go nna kelotlhoko fa o tsamaya bosigo—dilo tse di maswe di ka kgona go go diragalela. Baebele ya re: “Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, . . . le fa e le ba ba nang le kitso ga ba na kamogelo; ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.

Basha bangwe, jaaka Annette, ba tlhaselwa ke mongwe yo ba sa mo itseng. Ba bangwe bone ba tlhaselwa ke motho yo ba mo itseng kgotsa ke mongwe mo lelapeng. Fa Natalie a na le dingwaga di le lesome fela, o ne a sotliwa ka thobalano ke mosha wa moagelani. A re: “Kwa tshimologong ke ne ke tshogile e bile ke tlhabiwa ke ditlhong mo ke neng ke sa kgone go bolelela ope.”

GA SE PHOSO YA GAGO

Annette o sa ntse a lwantshana le maikutlo a go ipona molato ka ntlha ya se se diragetseng. A re: “Gangwe le gape ke akanya ka se se neng sa direga bosigo joo. Ke akanya gore nkabo ke ile ka leka thata go mo lwantsha. Boammaaruri ke gore fa a sena go ntlhaba, ke ne ka felelwa ke maatla ka ntlha ya letshogo. Ke ne ke sa kgone go dira sepe se sengwe, mme ke na le boikutlo jwa gore ke ne ke tshwanetse go dira sengwe.”

Natalie le ene o lwantshana le maikutlo a a tshwanang. A re: “Ke ne ke sa tshwanela go mo tshepa. Batsadi ba me ba ne ba re laetse gore nna le morwadiarre re nne re le mmogo fa re tshamekela kwa ntle, mme ga ke a ka ka reetsa. Ka jalo, ke na le boikutlo jwa gore ke ne ka naya moagelani wa rona tshono ya gore a nkutlwise botlhoko. Tiragalo eo e ne ya ama lelapa la rona fela thata mme ke ipona molato ka gonne ke akanya gore ke nna ke ba baketseng kutlobotlhoko eo. Seo se ntshwenya fela thata.”

Fa o ikutlwa jaaka Annette kgotsa Natalie, nna o gopotse gore motho yo o betelelwang ga a tsena mo seemong seo ka go rata. Batho bangwe ba tsaya kgang eno motlhofo, ba dira diipato tsa gore ke tsela e basimane ba tlwaetseng go itshwara ka yone kgotsa batho ba ba beteletsweng ba ne ba ntse ba batla gore seo se direge. Mme gone, ga go na ope yo o tshwanelwang ke go betelelwa. Fa e le gore o kile wa diragalelwa ke tiragalo eno e e setlhogo, ga se phoso ya gago!

Gone ke boammaaruri gore, go bala mafoko a a reng, “ga se phoso ya gago” go motlhofo; mme go a dumela go ka nna thata tota. Bangwe ga ba bue se se diragetseng, ba bo ba tshwenngwa ke go ipona molato le maikutlo a mangwe a a sa siamang. Mme gone, go didimala go solegela mang molemo—wena kgotsa motho yo o go sotlang? O tshwanetse go dira sengwe ka kgang eno.

BOLELELA MONGWE

Baebele e re bolelela gore fa monna yo o siameng e bong Jobe a ne a tlaletswe, o ne a re: “Ke tla bua moya wa me o utlwile botlhoko!” (Jobe 10:1) Le wena o ka solegelwa molemo ke go dira jalo. Go bua le mongwe yo o mo tshepang go ka go thusa go amogela se se diragetseng e bile go ka go thusa gore o imologe mo maikutlong.

Maikutlo a gago a ka tswa a le bokete thata gore o ka a sikara o le nosi. Ke eng fa o sa kope thuso ka go bua le mongwe ka one?

Annette o ile a lemoga boammaaruri jwa seo. A re: “Ke ne ka bua le tsala e ke atamalaneng le yone, mme e ne ya nkgothaletsa gore ke bue le bagolwane bangwe ba Bakeresete mo phuthegong ya rona. Ke itumelela gore ke ne ka dira jalo. Ba ne ba bua le nna makgetlo a le mmalwa mme ba mpolelela se tota ke neng ke tlhoka go se utlwa—gore se se diragetseng e ne e se phoso ya me. Ke ne ke se molato gotlhelele.”

Natalie o ne a bua le batsadi ba gagwe ka se se mo diragaletseng. A re: “Ba ne ba nkema nokeng. Ba ne ba nkgothaletsa go bua ka gone, mme seo se ne sa nthusa gore ke se ka ka utlwa botlhoko thata le go galefa.”

Gape Natalie o ne a gomodiwa ke go rapela. A re: “Go bua le Modimo go ne go nthusa, segolobogolo ka dinako tse ke neng ke ikutlwa gore nka se kgone go bua le motho ope. Fa ke rapela, ke kgona go bua ke gololesegile. Go dira gore ke ikutlwe ke na le kagiso e bile ke ritibetse.”

Le wena o tla lemoga gore go na le ‘nako ya go fola.’ (Moreri 3:3) Itlhokomele mo mmeleng le mo maikutlong. Ikhutse mo go lekaneng. Sa botlhokwa le go feta, ikaege ka Modimo wa kgomotso yotlhe e bong Jehofa.—2 Bakorintha 1:3, 4.

FA E LE GORE O SETSE O SIAMETSE GO RATANA

Fa o le mosetsana mme mongwe a go pateletsa go dira boitsholo jo bo leswe, ga go phoso go bua jaana o tiisitse: “O se ka wa dira jalo!” kgotsa, “Tlogela go ntshwara!” O se ka wa didimala fela ka gonne o tshaba gore lekau la gago le tla go tlogela. Fa a kgaogana le wena ka ntlha ya seno, ruri o ne a sa go tshwanele! O tshwanelwa ke monna wa mmatota, yo o tlotlang mmele wa gago le melaometheo e o tshelang ka yone.

DIPOTSO KA GO SOTLIWA KA THOBALANO

“Kwa sekolong se segolwane, basimane ba ne ba tle ba goge bra ya me ka fa morago ba bo ba nthaya mafoko a tshotlo—a a jaaka gore ke tla ikutlwa botoka fa nka robalana le bone.”—Coretta.

A o akanya gore basimane bao ba ne ba

  1. A tshameka le ene?

  2. A mmontsha maikutlo a lorato?

  3. A mo sotla ka thobalano?

“Mo beseng, mosimane mongwe o ne a simolola go mpolelela dilo tse di leswe le go ntshwaratshwara. Ke ne ka kgapha seatla sa gagwe mme ka mmolelela gore a ntlogele. O ne a nteba e kete ke a tsenwa.”—Candice.

O akanya gore mosimane yono o ne a dira Candice eng?

  1. A tshameka le ene?

  2. A mmontsha maikutlo a lorato?

  3. A mo sotla ka thobalano?

“Ngwaga o o fetileng, mosimane mongwe o ne a nna a mpolelela gore o batla go intsha le nna, le fa ke ne ke nna ke gana. Ka dinako dingwe, o ne a forogotlha lebogo la me. Ke ne ka mmolelela gore a ntlogele, mme o ne a tswelela fela. Mme fa ke ne ke bofa setlhako sa me, o ne a mphanya mo maragong.”—Bethany.

Go ya ka wena, a mosimane yono o ne a:

  1. A tshameka le ene?

  2. A mmontsha maikutlo a lorato?

  3. A mo sotla ka thobalano?

Karabo e e siameng ya dintlha tseno tse tharo ke C.

Go sotliwa ka thobalano go farologana jang le go bontsha motho maikutlo a lorato kgotsa go tshameka?

Go sotliwa ka thobalano go itumelelwa fela ke motho yo a go sotlang. Go nna go tswelela le fa yo o sotliwang a sa batle.

Ke selo se se masisi. Go ka felela ka gore motho yoo a go betelele.