Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 1

Modimo o Bopile Legodimo le Lefatshe

Modimo o Bopile Legodimo le Lefatshe

Jehofa Modimo ke ene a re bopileng. O dirile dilo tsotlhe, tse re kgonang go di bona le tse re sa kgoneng go di bona. Pele a dira dilo tse re kgonang go di bona, o ne a bopa baengele ba bantsintsi. A o itse gore baengele ke eng? Baengele ba tshwana le Jehofa. Ga re kgone go ba bona fela jaaka re sa kgone go bona Modimo. Moengele wa ntlha yo Jehofa a ileng a mo bopa e ne ya nna mothusi wa gagwe. Moengele yoo o ne a thusa Jehofa go dira dinaledi, dipolanete le dilo tse dingwe. Nngwe ya dipolanete tseo ke lefatshe la rona le lentle.

Go tswa foo, Jehofa o ne a dira gore diphologolo le batho ba kgone go nna mo lefatsheng. O ne a dira gore lesedi le phatsimele mo lefatsheng. O ne a dira dithaba, mawatle le melapo.

Go bo go diragalang? Jehofa o ne a re: ‘Ke tlile go dira tlhaga, dimela le ditlhare.’ Go ne ga simolola go gola maungo, merogo le dithunya [kgotsa malomo] ka mefuta. Go tswa foo, Jehofa o ne a dira diphologolo tse di fofang, tsa mo metsing le tse di gagabang. O ne a dira tse dinnye, jaaka mebutla, le tse ditona, jaaka ditlou. Ke phologolo efe e o e ratang?

Jehofa a bo a raya moengele wa ntlha a re: “A re dire motho.” Batho ba ne ba tla farologana le diphologolo. Ba ne ba tla tlhama dilo. Ba ne ba tla kgona go bua, go tshega le go rapela. Ba ne ba tla tlhokomela lefatshe le diphologolo. A o itse gore monna wa ntlha e ne e le mang? A re bone.

“Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”—Genesise 1:1