Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 2

Modimo o Bopile Monna wa Ntlha le Mosadi

Modimo o Bopile Monna wa Ntlha le Mosadi

Jehofa o ne a lema tshingwana kwa lefelong le le bidiwang Edene. Tshingwana eo e ne e tletse malomo, ditlhare le diphologolo. Go tswa foo, Modimo o ne a bopa monna wa ntlha, e bong Adame a dirisa lorole a bo a budulela moya mo dinkong tsa gagwe. A o itse gore go ne ga diragalang? Monna yono o ne a tshela! Jehofa o ne a re Adame a laole tshingwana le gore a neye diphologolo tseo tsotlhe maina.

Jehofa o ne a naya Adame molao o o botlhokwa. O ne a mo raya a re: ‘O ka ja leungo la setlhare sengwe le sengwe kwantle ga la setlhare se se kgethegileng. Fa o ka ja mo go sone, o tla swa.’

Moragonyana Jehofa o ne a re: ‘Ke tlile go direla Adame mothusi.’ O ne a dira gore Adame a welwe ke boroko jo bogolo, a bo a tsaya longwe lwa dikgopo tsa gagwe go mo direla mosadi. O ne a bidiwa Efa. Adame le Efa e ne ya nna lelapa la ntlha. Adame o ne a ikutlwa jang ka mosadi wa gagwe? Adame o ne a itumetse mo a neng a re: ‘Bona gore Jehofa o dirileng ka logopo lwa me! Jaanong go na le motho yo o tshwanang le nna!’

Jehofa o ne a bolelela Adame le Efa gore ba nne le bana ba tlatse lefatshe. O ne a batla gore ba bereke mmogo ba itumetse ba bo ba dire gore lefatshe lotlhe le tshwane le tshingwana ya Edene le nne paradaise kgotsa phaka e ntle. Mme ga go a ka ga nna jalo. Goreng? Re tla ithuta lebaka la seno mo kgaolong e e latelang.

“Yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi.”—Mathaio 19:4