Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 3

Adame le Efa ba Tlola Taelo ya Modimo

Adame le Efa ba Tlola Taelo ya Modimo

Letsatsi lengwe fa Efa a le nosi, noga e ne ya tla kwa go ene mme ya re: ‘A ke nnete gore Modimo a re lo se ka lwa ja mo ditlhareng tseno tsotlhe?’ Efa o ne a re: ‘Re kgona go ja mo go tsone tsotlhe ntle le setlhare se le sengwe fela. Fa re ka ja leungo la sone, re tla swa.’ Noga e ne ya re: ‘Ga lo kitla lo swa. Tota e bile, fa lo ka ja mo go sone, lo tla tshwana le Modimo.’ A seo e ne e le nnete? Nnyaa, e ne e le maaka. Mme Efa o ile a dumela maaka ao. Efa o ne a nna a lebile leungo leo mme seo sa dira gore a le eletse le go feta. O ne a le kgetla a le ja a bo a le naya Adame gore le ene a le je. Adame o ne a itse gore ba tlile go swa fa ba sa reetse Modimo. Mme o ne a le ja fela.

Maitseboa, Jehofa o ne a bua le Adame le Efa. O ne a ba botsa gore goreng ba sa mo reetsa. Efa o ne a re ke noga, mme Adame o ne a re ke Efa. Jehofa o ne a ba leleka mo tshingwaneng ka gonne ba sa mo reetsa. O ne a baya baengele le tšhaka e e tukang kwa kgorong go dira gore ba se ka ba tlhola ba boela mo tshimong ya Edene.

Jehofa o ne a re o tla otlhaya yo o neng a akeditse Efa. Tota ga se gore Efa o ne a bua le noga. Jehofa ga a dira gore dinoga di kgone go bua. Ke moengele yo o bosula yo o dirileng gore noga eo e bue. O ne a batla go tsietsa Efa. Moengele yoo o bidiwa Satane Diabolo. Mo nakong e e tlang, Jehofa o tlile go fedisa Satane gore a se ka a tlhola a tsietsa batho gore ba dire dilo tse di bosula.

“Diabolo, . . . e ne e le mmolai fa a ne a simologa, mme o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring, ka gonne boammaaruri ga bo yo mo go ene.”—Johane 8:44