Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 4

A mo Galefela A bo A Mmolaya

A mo Galefela A bo A Mmolaya

Fa Adame le Efa ba sena go lelekiwa kwa tshimong ya Edene, ba ne ba nna le bana ba bantsi. Ngwana wa bone wa ntlha wa mosimane, e bong Kaine e ne ya nna molemi, mme wa bobedi e bong Abele e ne ya nna modisa.

Letsatsi lengwe Kaine le Abele ba ne ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo. A o a itse gore setlhabelo ke eng? Ke mpho e e kgethegileng. Jehofa o ne a rata mpho ya ga Abele, mme o ne a sa rate ya ga Kaine. Seo se ne sa galefisa Kaine. Jehofa o ne a kgalemela Kaine gore go galefa ga gagwe go ka dira gore a dire sengwe se se maswe. Mme Kaine ga a ka a reetsa.

Go na le moo, Kaine o ne a raya Abele a re: ‘A re ye kwa nageng.’ Fa ba le bosi kwa nageng, Kaine o ne a tlhasela monnawe a bo a mmolaya. Jehofa o ne a tla dirang ka seo? Jehofa o ne a otlhaya Kaine ka go mo romela kgakala le ba lelapa la gagwe. Kaine o ne a ka se tlhole a boa.

A go na le sengwe se re ka se ithutang mo kgannyeng eno? Re ka simolola go galefa fa dilo di sa dirwe jaaka re batla. Fa re utlwa gore re simolola go galefa—kgotsa fa ba bangwe ba re kgalemelela go bo re galefile—re tshwanetse go laola maikutlo a rona pele e nna one a re laolang.

E re ka Abele a ne a rata Jehofa e bile a dira se se siameng, Jehofa o tla mo gopola. Modimo o tla dira gore Abele a tshele gape fa a fetola lefatshe go nna paradaise.

“Agisanya le morwarraago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.”—Mathaio 5:24