Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 5

Araka ya ga Noa

Araka ya ga Noa

Fa nako e ntse e ya, batho ba ne ba nna bantsi mo lefatsheng. Bontsi jwa bone ba ne ba le bosula. Le baengele bangwe kwa legodimong ba ne ba nna bosula. Ba ne ba tlogela legae la bone kwa legodimong mme ba tla mo lefatsheng. A o itse gore goreng ba ne ba dira jalo? Gore ba iphetole batho mme ba nyale basadi ba mo lefatsheng.

Baengele le basadi bao ba ne ba nna le bana ba basimane. Basimane bao ba ne ba gola ba na le maatla mme ba kgerisa ba bangwe. Ba ne ba utlwisa batho botlhoko. Jehofa o ne a sa kgone go letlelela dilo tseo go tswelela di direga. Ka jalo o ne a bolaya batho ba ba bosula ka morwalela.

Mme go ne go na le monna yo o neng a farologane le ba bangwe. O ne a rata Jehofa. Leina la gagwe e ne e le Noa. O ne a na le mosadi le bana ba bararo ba basimane e bong Sheme, Hame le Jafethe mme botlhe ba ne ba na le basadi. Jehofa o ne a bolelela Noa gore a age araka e kgolo gore ene le ba lelapa la gagwe ba se ka ba bolawa ke Morwalela. Araka ke lebokose le legolo le le kgonang go kokobala mo godimo ga metsi. Gape Jehofa o ne a bolelela Noa gore a tsenye diphologolo tse dintsi mo teng ga araka gore le tsone di se ka tsa swa.

Noa o ne a simolola go aga araka ka yone nako eo. Noa le ba lelapa la gagwe ba tsere dingwaga di ka nna 50 go aga araka. Ba ne ba e aga fela jaaka Jehofa a ne a ba laetse. Ka nako eo, Noa o ne a ntse a bolelela batho gore Morwalela o e tla. Mme ga go na ope yo o ileng a mo reetsa.

Jaanong nako ya go tsena mo arakeng e ne ya goroga. A re bone gore go ne ga diragalang morago ga foo.

“Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.”—Mathaio 24:37