Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 7

Tora ya Babele

Tora ya Babele

Morago ga Morwalela, bomorwa Noa le basadi ba bone ba ne ba nna le bana ba le bantsi. Malapa a bone a ne a gola mme ba simolola go ya kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, fela jaaka Jehofa a ne a ba laetse.

Mme malapa a mangwe ga a ka a reetsa Jehofa. A ile a re: ‘A re ikageleng motse mme re nne mo go one. Re tla aga tora e bogodimo jwa yone bo tla fitlhang kwa legodimong. Mme re tla itsege.’

Jehofa o ne a sa rate se batho bao ba neng ba se dira, ka jalo, o ne a emisa tiro eo. A o itse gore o ne a dira seo jang? O ne a dira gore ba simolole go bua dipuo tse di sa tshwaneng. E re ka ba ne ba sa tlhole ba tlhaloganyana, ba ne ba emisa tiro ya go aga. Motse o ba neng ba o aga o ne wa bidiwa Babele e e kayang “Tlhakatlhakano.” Batho bao ba ne ba fudugela kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Mme ba ne ba tswelela go dira dilo tse di bosula kwa mafelong a ba neng ba fudugetse kwa go one. A go ne go sa ntse go na le ba ba ratang Jehofa? Re tla bona karabo mo kgaolong e e latelang.

“Mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme mongwe le mongwe yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”—Luke 18:14