Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 8

Aborahame le Sara Ba ne Ba Ikobela Modimo

Aborahame le Sara Ba ne Ba Ikobela Modimo

Motse wa Ure o ne o le gaufi le Babele mme batho ba one ba ne ba obamela medimo e mengwe, e seng Jehofa. Mme mo motseng oo, go ne go na le monna mongwe yo o neng a obamela Jehofa. O ne a bidiwa Aborahame.

Jehofa o ne a raya Aborahame a re: ‘Tswa mo motseng wa gago mme o tlogele ba losika o ye kwa nageng e ke tla go bontshang yone.’ Mme Modimo o ne a mo solofetsa jaana: ‘O tla nna setšhaba se segolo e bile ke tla direla batho ba le bantsi dilo tse di molemo ka ntlha ya gago.’

Aborahame o ne a sa itse gore Jehofa o tla mo romela kae, mme o ne a tshepa Jehofa. Ka jalo, Aborahame, mosadi wa gagwe e bong Sara, rragwe e bong Tera le setlogolo sa gagwe e bong Lote, ba ne ba reetsa Modimo ba bo ba tsaya dilwana tsa bone ba simolola loeto lo loleele.

Aborahame o ne a na le dingwaga di le 75 fa ene le lelapa la gagwe ba goroga kwa lefatsheng le Jehofa a neng a batla gore ba ye kwa go lone. Lefatshe leo le ne le bidiwa Kanana. Fa Aborahame a le koo, Modimo o ne a mo solofetsa jaana: ‘Lefatshe leno le o le bonang, ke tla le naya bana ba gago.’ Mme Aborahame le Sara ba ne ba tsofetse e bile ba se na bana. Jaanong Jehofa o ne a tla kgona jang go diragatsa tsholofetso ya gagwe?

“Ka tumelo Aborahame . . . o ne a ikoba ka go ya kwa lefelong le a neng a tla le newa e le boswa; o ne a tsamaya le fa gone a ne a sa itse kwa a yang teng.”—Bahebera 11:8