Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 9

Ngwana wa Mosimane o a Tsholwa!

Ngwana wa Mosimane o a Tsholwa!

Aborahame le Sara ba ne ba na le lobaka lo loleele ba nyalane. Ba ne ba tlogetse legae la bone le lentle la kwa Ure mme ba nna mo ditenteng. Sara ga a ka a ngongorega ka gonne o ne a tshepa Jehofa.

Sara o ne a batla go nna le ngwana thata jaana mo a neng a raya Aborahame a re: ‘A Hagare a re tsholele ngwana.’ Mme Hagare o ne a nna le ngwana wa mosimane. Leina la gagwe e ne e le Ishemaele.

Dingwaga moragonyana, fa Aborahame a ne a na le dingwaga di le 99 mme Sara di le 89, ba ne ba etelwa ke batho ba le bararo. Aborahame o ne a ba kopa gore ba ikhutse ka fa tlase ga setlhare mme ba je. A o itse gore baeng bao e ne e le bomang? E ne e le baengele! Ba ne ba raya Aborahame ba re: ‘Mo ngwageng o o tlang ka yone nako eno, lo tla nna le ngwana wa mosimane.’ Sara o ne a ntse mo tenteng a reeditse. O ne a tshega a bo a ipotsa jaana: ‘A tota nka nna le ngwana ke tsofetse jaana?’

Mo ngwageng o o latelang, Sara o ne a tshola ngwana wa mosimane fela jaaka moengele wa ga Jehofa a ne a buile. Aborahame o ne a mmitsa Isake mo go kayang, “Setshego.”

Fa Isake a ne a le dingwaga di ka nna tlhano, Sara o ne a bona Ishemaele a dira metlae ka Isake. O ne a batla go sireletsa ngwana wa gagwe, ka jalo, o ne a ya kwa go Aborahame a bo a mo kopa gore a leleke Hagare le Ishemaele. Kwa tshimologong, Aborahame o ne a sa batle go dira jalo. Mme Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Reetsa Sara. Ke tla tlhokomela Ishemaele. Mme se ke go solofeditseng sone, ke tla se diragatsa ka Isake.’

“Ka tumelo Sara le ene a amogela maatla a go ima peo, . . . ka gonne o ne a tsaya Ene yo o dirileng tsholofelo a ikanyega.”—Bahebera 11:11