Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 10

Gakologelwa Mosadi wa ga Lote

Gakologelwa Mosadi wa ga Lote

Lote o ne a nna le malome wa gagwe e bong Aborahame mo lefatsheng la Kanana. Moragonyana Aborahame le Lote ba ne ba nna le leruo le lentsi mo naga e ba neng ba nna mo go yone e neng e sa ba lekane. Aborahame o ne a raya Lote a re: ‘Ga re kgone go nna mmogo mo lefelong le le lengwe. Tsweetswee tlhopha gore o batla go ya kae mme nna ke tla ya go sele.’ A seno ga se bontshe gore Aborahame o ne a se pelotshetlha?

Lote o ile a bona karolo e ntle ya naga gaufi le motse o o bidiwang Sodoma. E ne e na le metsi a mantsi le bojang jo bo tala. O ne a tlhopha lefelo leo mme a fudugela gone le lelapa la gagwe.

Batho ba kwa Sodoma le ba motse o o gaufi wa Gomora ba ne ba le bosula thata. Tota e bile, ba ne ba le bosula mo Jehofa a neng a fedisa metse eo. Mme Modimo o ne a batla go boloka Lote le ba lelapa la gagwe, ka jalo, o ne a romela baengele ba babedi go ba tlhagisa jaana: ‘Itlhaganeleng! Tswang mo motseng ono! Jehofa o tlile go o senya.’

Lote ga a ka a tsamaya ka yone nako eo. O ne a diega. Ka jalo, baengele ba ne ba tshwara Lote, mosadi wa gagwe le bomorwadie ba babedi ka diatla ba bo ba ba ntsha ka bonako mo motseng, ba re: ‘Tabogang! Falotsang matshelo a lona mme lo se ka lwa leba kwa morago. Fa lo ka gadima lo tla swa!’

Fa ba goroga kwa motseng o o bidiwang Soare, Jehofa o ne a dira gore go ne molelo le sulefera kwa Sodoma le Gomora. Metse e mebedi eo e ne ya nyelediwa gotlhelele. Mosadi wa ga Lote ga a ka a reetsa Jehofa, o ne a leba kwa morago mme a fetoga pilara ya letswai! Lote le bana ba gagwe ba basetsana ba ne ba bolokwa ka gonne ba ikobetse Jehofa. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba utlwisitswe botlhoko ke go bo mosadi wa ga Lote a ne a sa reetsa Modimo. Mme ba ne ba itumela ka gonne ba ile ba reetsa ditaelo tsa ga Jehofa.

“Gakologelwang mosadi wa ga Lote.”—Luke 17:32