Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 12

Jakobe O ne A Rua Boswa

Jakobe O ne A Rua Boswa

Isake o ne a na le dingwaga di le 40 fa a nyala Rebeka. O ne a mo rata fela thata. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba nna le mawelana a basimane.

Yo mogolo e ne e le Esau mme yo monnye e le Jakobe. Esau o ne a rata go tsoma e bile e le setswerere. Mme Jakobe o ne a rata go nna kwa gae.

Mo metlheng eo, ngwana wa ntlha wa mosimane o ne a newa karolo e kgolo ya naga le madi a mantsi fa rraagwe a tlhokafala. Seo se ne se bidiwa boswa. Mo lelapeng la ga Isake, boswa bo ne bo akaretsa go nna le karolo mo ditsholofetsong tse Jehofa a neng a di solofeditse Aborahame. Esau o ne a se na sepe le ditsholofetso tseo mme Jakobe ene o ne a itse gore di botlhokwa fela thata.

Letsatsi lengwe Esau o ne a tla a lapile thata a tswa go tsoma. O ne a utlwa monkgo o o monate wa dijo tse Jakobe a neng a di apeile mme o ne a mo raya a re: ‘Ke tshwerwe ke tlala! Ke kopa o ntsholele!’ Jakobe o ne a re: ‘Ke tla go tsholela fa o ka ntsholofetsa gore o tla nnaya boswa jwa gago.’ Esau o ne a re: ‘Ga ke na sepe le boswa jwa me! O ka nna wa bo tsaya. Nna ke batla dijo fela.’ A o akanya gore kgato e Esau a e tsereng e ne e le botlhale? Le e seng! Esau o ne a aba sengwe se se tlhwatlhwakgolo, fela gore a bone dijo.

Fa Isake a tsofetse, e ne e le nako ya gore a segofatse morwawe yo mogolo. Mme Rebeka o ne a thusa morwaabone yo mmotlana e bong Jakobe gore e nne ene a segofadiwang. Fa Esau a utlwa ka gone, o ne a galefile thata a bo a batla go bolaya Jakobe. Isake le Rebeka ba ne ba batla go sireletsa Jakobe, ka jalo, ba ne ba mo raya ba re: ‘Tsamaya o ye go nna le malome wa gago e bong Labane, go fitlha Esau a wela makgwafo.’ Jakobe o ne a reetsa kgakololo ya batsadi ba gagwe mme a tshaba.

“Motho o solegelwa molemo ke eng gore a gape lefatshe lotlhe mme a bo a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe? Tota ke eng, se motho a ka se ntshang mo boemong jwa botshelo jwa gagwe?” —Mareko 8:36, 37