Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 13

Jakobe le Esau ba Dira Kagiso

Jakobe le Esau ba Dira Kagiso

Jehofa o ne a solofetsa Jakobe gore o tla mo sireletsa fela jaaka a ile a sireletsa Aborahame le Isake. Jakobe o ne a nna kwa lefelong le le bidiwang Harana, a nyala, a nna le lelapa le legolo le go huma thata.

Moragonyana Jehofa o ne a raya Jakobe a re: ‘Boela kwa nageng ya galona.’ Ka jalo, Jakobe le lelapa la gagwe ba ne ba tsaya loeto lo loleele go boela gae. Fa ba le mo tseleng, batho bangwe ba ne ba tla kwa go Jakobe ba bo ba mo raya ba re: ‘Mogoloo Esau o e tla mme o tla le banna ba le 400!’ Jakobe o ne a tshoga gore Esau o ne a tlile go mo gobatsa ene le lelapa la gagwe. O ne a rapela Jehofa a re: ‘Tsweetswee nkgolole mo seatleng sa ga morwarre.’ Mo letsatsing le le latelang, Jakobe o ne a romelela Esau mpho ya dinku tse dintsi, dipodi, dikgomo, dikamela le ditonki.

Mo bosigong joo, fa Jakobe a le esi, o ne a bona moengele! Moengele o ne a simolola go lwa le ene. Ba ne ba lwa go fitlha mo mosong. Le fa Jakobe a ne a gobetse, ga a ka a ineela. Moengele o ne a mo raya a re: ‘Ntlogele ke tsamaye.’ Mme Jakobe o ne a re: ‘Ga o ye gope o ise o ntshegofatse.’

Moengele o ne a feleletsa a segofaditse Jakobe. Jaanong Jakobe o ne a itse gore Jehofa ga a na go tlogela Esau gore a mo gobatse.

Mo mosong oo, Jakobe o ne a bona Esau a le kgakala a tla le banna ba le 400. Jakobe o ne a tsamaela kwa pele ga ba lelapa la gagwe mme a khubama ka mangole fa pele ga Esau makgetlo a le supa. Esau o ne a tabogela Jakobe mme a mo tlamparela. Ba ne ba thubega ka selelo mme ba dira kagiso. O akanya gore Jehofa o ne a ikutlwa jang ka tsela e Jakobe a ileng a rarabolola kgang eno ka yone?

Moragonyana, Esau le Jakobe ba ne ba kgaogana. Jakobe o ne a na le bana ba basimane ba le 12. Maina a bone e ne e le Rubene, Simeone, Lefi, Juda, Dana, Nafetali, Gada, Ashera, Isakare, Sebulone, Josefa le Benjamine. Jehofa o ne a dirisa mongwe wa bone e bong Josefa go boloka batho ba Gagwe. A o itse gore o dirile seo jang? A re bone.

“Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong.”—Mathaio 5:44, 45