Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 17

Moshe O ne A Tlhopha go Obamela Jehofa

Moshe O ne A Tlhopha go Obamela Jehofa

Ba lelapa la ga Jakobe ba ne ba bidiwa Baiseraele fa ba le kwa Egepeto. Fa Jakobe le Josefa ba sena go tlhokafala, go ne ga busa Faro yo mongwe. O ne a tshaba gore Baiseraele ba ne ba tla nna bantsi go feta Baegepeto. Ka jalo, o ne a dira gore Baiseraele e nne makgoba. O ne a ba pateletsa gore ba dire ditena le go bereka ka thata mo masimong. Mme palo ya Baiseraele e ne e ntse e oketsega le fa Baegepeto ba ne ba ba gatelela. Faro o ne a sa batle go bona seo, ka jalo, o ne a laela gore bana botlhe ba ba sa tswang go tsholwa ba basimane ba bolawe. Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshogile tota!

Mosadi mongwe wa Moiseraele e bong Jokebede o ne a na le ngwana yo montle wa mosimane. O ne a mo sireletsa ka go mo tsenya mo serotong a bo a mo fitlha mo lotlhakeng lwa Noka ya Nile. Kgaitsadie ngwana yoo e bong Miriame, o ne a iphitlha gaufi go bona se se tla diregang ka losea loo.

Fa morwadie Faro a ya go tlhapa kwa nokeng, o ne a bona seroto seo. Fa a leba mo teng, o ne a bona ngwana a lela, a bo a mo utlwela botlhoko. Miriame o ne a botsa a re: ‘A ke ye go go batlela mosadi yo o tla anyisang ngwana yono?’ Fa morwadie Faro a sena go dumela, Miriame o ne a ya go bitsa mmaagwe ngwana yoo e bong Jokebede. Morwadie Faro o ne a raya Jokebede a re: ‘Tsaya ngwana yono, o mo anyise mme ke tla go duela.’

Fa ngwana a setse a godile, Jokebede o ne a mo busetsa kwa go morwadie Faro mme a mo raya leina a re ke Moshe le go mo godisetsa mo lelapeng la ga Faro. Moshe o goletse mo lelapeng la segosi, ka jalo, o ne a kgona go nna le sengwe le sengwe se a se batlang. Le fa go ntse jalo, Moshe ga a ka a lebala Jehofa. O ne a itse gore ke Moiseraele e seng Moegepeto. Mme o ne a tlhopha go direla Jehofa.

Fa Moshe a na le dingwaga di le 40, o ne a tlhopha go thusa batho ba gaabo. Fa a bona Moegepeto a itaya lekgoba la Moiseraele, o ne a betsa Moegepeto yoo go fitlha a swa. Mme o ne a fitlha setopo sa gagwe mo mmung. Fa Faro a utlwa ka kgang eo, o ne a leka go bolaya Moshe. Mme Moshe o ne a tshabela kwa nageng ya Bamidiana. Jehofa o ne a mo tlhokomela fa a le koo.

“Ka tumelo fa Moshe a setse a godile, o ne a gana go bidiwa morwa wa ga morwadia Faro, o ne a tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo.”—Bahebera 11:24, 25