Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 18

Setlhare se se Tukang

Setlhare se se Tukang

Moshe o ne a nna kwa Midiana dingwaga di le 40. O ne a nyala a bo a nna le bana. Letsatsi lengwe fa a ntse a disitse dinku gaufi le Thaba ya Sinai, o ne a bona sengwe se se gakgamatsang. Setlhare sa mitlwa se ne se tuka mme se sa she! Fa Moshe a re o a atamela, o utlwa lentswe le tswa mo setlhatshaneng seo le re: ‘Moshe! O se ka wa atamela. Rola ditlhako tsa gago ka gonne lefelo le o emeng mo go lone le boitshepo.’ E ne e le Jehofa a buang a dirisa moengele.

Moshe o ne a tshogile, ka jalo, o ne a bipa sefatlhego sa gagwe. Lentswe le ne la re: ‘Ke bone tsela e Baiseraele ba bogang ka yone. Ke tla ba ntsha kwa Egepeto mme ke ba tlise mo lefatsheng le le monate. Ke wena o tla ba etelelang pele go tswa kwa Egepeto.’ Moshe o tshwanetse a bo a ne a gakgametse tota.

Moshe o ne a botsa a re: ‘Ke tla reng fa batho ba mpotsa gore ke romilwe ke mang?’ Modimo o ne a re: ‘Ba reye o re Jehofa, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe ke ene a nthomileng.’ Go tswa foo, Moshe o ne a re: ‘Ke direng fa batho ba sa batle go ntheetsa?’ Jehofa o ne a naya Moshe sesupo sa gore o tla mo thusa. O ne a raya Moshe a re a latlhele thobane ya gagwe fa fatshe. Thobane e ne ya fetoga noga. Fa Moshe a tshwara noga eo ka mogatla, e ne ya fetoga thobane gape. Jehofa o ne a re: ‘Fa o ka dira seno, batho ba tla dumela gore ke nna ke go romileng.’

Moshe o ne a re: ‘Ga ke itse go bua sentle.’ Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Ke tla go bolelela se o tla se buang e bile ke tla romela morwarrago Arone gore a tsamaye le wena.’ Moshe o ne a itse gore Jehofa o tla mo thusa, ka jalo, o ne a tsaya mosadi le bana ba gagwe mme a boela kwa Egepeto.

“Lo se ka lwa tlhobaela malebana le gore lo tla bua jang kgotsa lo tla bua eng, ka gonne se lo tla se buang lo tla se newa ka nako eo.”—Mathaio 10:19