Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 19

Dipetso Tsa Ntlha Tse Tharo

Dipetso Tsa Ntlha Tse Tharo

Baiseraele ba ne ba patelediwa go bereka ka thata. Jehofa o ne a romela Moshe le Arone gore ba reye Faro ba re: ‘Tlogela batho ba me ba tsamaye gore ba ye go nkobamela kwa nageng.’ Faro o ne a bua ka boikgogomoso a re: ‘Ga ke na sepe le gore Jehofa a reng e bile nka se letle Baiseraele gore ba tsamaye.’ Go tswa foo, Faro o ne a oketsa tiro ya bone. Jehofa o ne a ruta Faro thuto nngwe ya botlhokwa. A o itse gore o ne a dira seo jang? O ne a itaya Egepeto ka Dipetso Tse di Lesome. Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Faro ga a batle go ntheetsa. O tla tsoga a ya kwa Nokeng ya Nile mo mosong. Ya kwa go ene mme o mo reye o re metsi a Nile a tlile go fetoga madi ka gonne o gana go tlogela batho ba me ba tsamaya.’ Moshe o ne a ikobela Modimo mme a ya kwa go Faro. Faro o ne a lebile fa Arone a itaya noka ya Nile ka thobane mme metsi a bo a fetoga madi. Noka e ne ya simolola go nkga mme ditlhapi di ne tsa swa e bile batho ba ne ba sa kgone go nwa metsi a Nile. Faro o ne a sa ntse a sa batle go letla Baiseraele gore ba tsamaye.

Malatsi a le supa morago ga moo, Jehofa o ne a romela Moshe gore a boele kwa go Faro mme a mo reye a re: ‘Fa o sa golole batho ba me, Egepeto e tlile go tlala ka digwagwa.’ Arone o ne a tsholetsa thobane ya gagwe mme naga e ne ya simolola go tlala ka digwagwa. Batho ba ne ba fitlhela digwagwa mo matlong, mo malaong le mo dilong tsa bone tsa go jela. Go ne go tletse digwagwa gotlhe fela! Faro o ne a raya Moshe a re a kope Jehofa gore a emise petso eno. Faro o ne a mo solofetsa gore o tla letla Baiseraele gore ba tsamaye. Ka jalo, Jehofa o ne a emisa petso eo mme Baegepeto ba ne ba kgobokanya digwagwa tseo tsotlhe. Naga e ne ya simolola go nkga. Mme Faro o ne a sa ntse a sa batle go golola batho ba Modimo.

Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Raya Arone o re iteye lefatshe ka thobane ya gagwe mme mmu o tla fetoga dintsi tse di lomang.’ Ka yone nako eo, dintsi tseo di ne tsa tlala gotlhe fela. Batlhanka bangwe ba ga Faro ba ne ba mo raya ba re: ‘Petso eno e tswa kwa Modimong.’ Mme Faro o ne a sa ntse a sa batle go golola Baiseraele.

“Ke tla dira gore ba itse nonofo ya me le maatla a me, mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore leina la me ke Jehofa.”—Jeremia 16:21