Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 21

Petso ya Bolesome

Petso ya Bolesome

Moshe o ne a bolelela Faro gore ga a kitla a tlhola a mmona gape. Mme pele a tsamaya, o ne a raya Faro a re: ‘Bosigogare, leitibolo lengwe le lengwe la bana ba Baegepeto, go tloga ka ngwana wa mosimane wa ga Faro go fitlha ka bana ba basimane ba malata a gagwe, ba tla swa.’

Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba je dijo tse di kgethegileng. O ne a ba raya a re: ‘Tlhabang phelefu kgotsa phoko e e nang le ngwaga mme lo tshase madi a yone mo godimo le mo thoko ga dikgoro tsa lona. Besang nama eo mme lo e je ka dikuku tse di se nang sebediso. Aparang diaparo, rwalang bompaatšhane ba lona mme lo ipaakanyetse go tsamaya. Mo bosigong jono, ke tlile go lo golola.’ Akanya fela kafa Baiseraele ba neng ba itumetse ka gone!

Mo bosigong joo, moengele wa ga Jehofa o ne a feta mo matlong otlhe a Egepeto. Mme fa a sa fitlhele ntlo e tshwailwe ka madi, o ne a bolaya ngwana wa leitibolo wa ntlo eo. Mme ga a ka a dira jalo mo matlong a a neng a tshwailwe ka madi. Maitibolo otlhe a Egepeto a ne a bolawa. Mme ga go na ngwana ope wa Moiseraele yo o neng a swa.

Tota le morwa Faro o ne a sule. Faro o ne a setse a utlwile. Ka yone nako eo, o ne a raya Moshe le Arone a re: ‘Tsamayang! Tswang fano! Tsamayang lo ye go direla Modimo wa lona! Tsayang diphologolo tsa lona lo tsamayeng!’

Baiseraele ba ne ba tswa mo Egepeto ngwedi o tletse, ba tswa ka malapa le ka ditso. Go ne go na le banna, basadi le bana ba le 600 000. Gape go ne go na le batho ba bangwe ba ba neng ba tsamaya le bone go ya go direla Jehofa. Baiseraele ba ne ba golotswe!

Ba ne tshwanetse go ja dijo tseo tse di kgethegileng ngwaga le ngwaga go gopola kafa Jehofa a ileng a ba golola ka gone. Dijo tseo di ne di bidiwa dijo tsa Tlolaganyo.

“Ke go tlogetse gore o tswelele o le gone ka lebaka leno: gore ke bontshe maatla a me ka wena le gore ke dire gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.”—Baroma 9:17