Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 22

Kgakgamatso Kwa Lewatleng le Lehibidu

Kgakgamatso Kwa Lewatleng le Lehibidu

Fa Faro a utlwa gore Baiseraele ba tsamaile, o ne a ikwatlhaela go bo a ba golotse. O ne a laela masole a gagwe a re: ‘Baakanyang dipitse tsa rona tsa ntwa mme re ba sale morago! Re ne re sa tshwanela go ba letlelela go tsamaya.’ Ene le masole a gagwe ba ne ba lelekisa Baiseraele.

Jehofa o ne a etelela pele batho ba gagwe a dirisa leru fa go le motshegare mme a dirisa molelo fa go le bosigo. O ne a ba isa kwa Lewatleng le Lehibidu mme a ba laela gore ba tlhome ditente fa ba le koo.

Baiseraele ba ne ba bona Faro le masole a gagwe ba tla ba ba lebile. Ba ne ba le fa gare ga masole a Egepeto le lewatle le Lehibidu. Ba ne ba raya Moshe ba re: ‘Re tlile go swa! O ka bo o re tlogetse kwa Egepeto.’ Mme Moshe o ne a re: ‘Lo se ka lwa tshoga. Letang mme lo bone kafa Jehofa a tla lo gololang ka teng.’ Ruri Moshe o ne a ikanya Jehofa!

Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba phuthe ditente tsa bone. Mo bosigong joo, Jehofa o ne a dira gore leru le nne fa gare ga Baegepeto le Baiseraele. Mo letlhakoreng la Baegepeto, go ne go le lefifi. Mme mo letlhakoreng la Baiseraele, go ne go le lesedi.

Jehofa o ne a laela Moshe gore a supe lewatle ka thobane. Go tswa foo, Jehofa o ne a dira gore phefo e foke bosigo jotlhe. Lewatle le ne la kgaogana ka bogare mme ga nna le tsela e e omileng. Baiseraele ba ne ba feta mo go omileng teng.

Masole a ga Faro a ne a setse Baiseraele morago. Go tswa foo, Jehofa o ne a tlhakatlhakanya masole ao. Maotwana a dikara tsa bone tsa ntwa a ne a tswa. Masole a ne a goa a re: ‘A re boeleng morago! Jehofa o a ba lwela.’

Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Supa lewatle ka thobane.’ Ka yone nako eo, metsi a ne a khurumetsa masole a Baegepeto. Faro le masole a gagwe ba ne ba swa. Ga go ope wa bone yo o ileng a falola.

Fa Baiseraele ba setse ba kgabagantse lewatle, ba ne ba galaletsa Modimo ka pina e e reng: ‘Opelelang Jehofa, ka gonne o mogolo fela thata. O latlhetse pitse le mopalami wa yone mo lewatleng.’ Fa batho ba ntse ba opela, basadi ba ne ba bina e bile ba letsa meropa. Ba ne ba itumeletse gore jaanong ba gololesegile.

“Gore re tle re nne le bopelokgale jo bogolo mme re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me; ga nkitla ke boifa. Motho a ka ntirang?’”—Bahebera 13:6