Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 23

Ba Dira Maikano

Ba Dira Maikano

Dikgwedi di le pedi morago ga gore Baiseraele ba tswe kwa Egepeto, ba ne ba fitlha kwa Thabeng ya Sinai mme ba tlhoma ditente. Jehofa o ne a bitsa Moshe gore a tle mo thabeng mme a mo raya a re: ‘Ke golotse Baiseraele. Fa ba ka ntheetsa ba bo ba ikobela melao ya me, ba tla nna batho ba me ba ke ba itlhophetseng.’ Moshe o ne a fologa thaba mme a bolelela Baiseraele se Jehofa a se buileng. Ba ne ba reng? Ba ne ba re: ‘Re tla dira sotlhe se Jehofa a reng re se dire.’

Moshe o ne a tlhatlogela gape kwa thabeng. Fa a le koo, Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Ke tla bua le wena mo malatsing a le mararo. Raya batho o re ba se ka ba leka go palama Thaba ya Sinai.’ Moshe o ne a fologa thaba a bo a ya go bolelela Baiseraele gore ba ipaakanyetse go reetsa Jehofa.

Morago ga malatsi a le mararo, Baiseraele ba ne ba bona magadima le leru le lentsho mo thabeng. Gape ba ne ba utlwa modumo o o kwa godimo wa maru le modumo wa lonaka. Mme Jehofa o ne a fologela mo thabeng a le mo molelong. Baiseraele ba ne ba tshogile thata e bile ba roroma. Thaba e ne ya roroma thata le go khurumediwa ke mosi. Modumo wa lonaka o ne o ntse o oketsega. Go tswa foo, Modimo o ne a re: ‘Ke nna Jehofa. O se ka wa obamela medimo epe e mengwe.’

Moshe o ne a boela kwa godimo ga thaba mme Jehofa a mo naya melao ya kafa Baiseraele ba tshwanetseng go mo obamela le go itshwara ka gone. Moshe o ne a kwala melao eo a bo a e balela Baiseraele. Ba ne ba ikana ba re: ‘Re tla dira sotlhe se Jehofa a reng re se dire.’ Ba ne ba dira maikano a gore ba tla obamela Modimo. A mme gone ba ne ba tla dira seo?

“O rate Jehofa, Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.”—Mathaio 22:37