Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 25

Tente ya Kobamelo

Tente ya Kobamelo

Fa Moshe a ne a le kwa Thabeng ya Sinai, Jehofa o ne a mmolelela gore a age tente e e kgethegileng e e bidiwang motlaagana, e Baiseraele ba neng ba tla mo obamela mo go yone. Ba ne ba tla kgona go tsamaya ka motlaagana gongwe le gongwe kwa ba fudugelang gone.

Jehofa o ne a re: ‘Bolelela batho gore ba ntshe se ba nang le sone gore go agiwe motlaagana.’ Baiseraele ba ne ba ntsha gauta, selefera, kopore, maje a a turang le dibenyane. Gape ba ne ba ntsha wulu, matsela, matlalo a diphologolo le dilo tse dingwe tse dintsi. Ba ne ba le pelotshweu thata mo Moshe a neng a ba raya a re: ‘Go lekane! Lo se ka lwa tlhola lo tlisa sepe.’

Banna le basadi ba le bantsi ba ba nang le bokgoni ba ne ba thusa go aga motlaagana. Jehofa o ne a ba thusa go dira tiro eo. Bangwe ba ne ba kopanya tlhale, ba loga kgotsa ba kgabisa. Ba bangwe ba ne ba dira ka maje, ka gauta kgotsa ka logong.

Batho ba ne ba aga motlaagana fela jaaka Jehofa a ne a ba laetse. Ba ne ba dira garetene e e neng e kgaoganya motlaagana ka dikarolo di le pedi, karolo ya Boitshepo le ya Boitshepo jwa Maitshepo. Mo karolong ya Boitshepo jwa Maitshepo go ne go na le letlole la kgolagano le le neng le dirilwe ka logong lwa mokala le gauta. Mo karolong ya Boitshepo, go ne go na le sediriswa sa gauta se go tlhomiwang lobone mo go sone. Mo karolong e nngwe ya tente go ne go na le tafole le aletara e kgolo. Mo lolwapeng go ne go na le sekotlele sa kopore le sebeso se segolo sa ditlhabelo. Letlole la kgolagano le ne le gopotsa Baiseraele maikano a bone a gore ba tla obamela Jehofa. A o a itse gore kgolagano ke eng? Ke maikano a a kgethegileng.

Jehofa o ne a tlhopha Arone le bomorwawe gore ba direle kwa motlaaganeng e le baperesiti. Ba ne ba tshwanetse go o tlhokomela le go ntshetsa Jehofa ditlhabelo kwa go one. Ke moperesiti yo mogolo fela e bong Arone yo o neng a letleletswe go tsena mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo. O ne a tsena mo go lone gangwe ka ngwaga a ya go ntsha setlhabelo sa maleo a gagwe, a ba lelapa la gagwe le a setšhaba sotlhe sa Iseraele.

Baiseraele ba ile ba fetsa go aga motlaagana morago ga ngwaga ba tswile kwa Egepeto. Jaanong ba ne ba na le lefelo le ba tla obamelang Jehofa mo go lone.

Jehofa o ne a dira gore motlaagana o tlale kgalalelo ya gagwe a bo a dira gore leru le nne mo godimo ga one. Fa fela leru le sa ntse le le mo godimo ga motlaagana, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna kwa ba gone. Mme fa leru le ne le tlhatloga, ba ne ba itse gore ke nako ya go tsamaya. Ka jalo, ba ne ba tlhatlhamolola motlaagana ba bo ba sala leru morago.

“Foo ke ne ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bona! Tente ya Modimo e mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone.’”—Tshenolo 21:3