Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 27

Ba ne Ba Gana go Reetsa Jehofa

Ba ne Ba Gana go Reetsa Jehofa

Nako nngwe fa Baiseraele ba le kwa nageng, Kora, Dathane, Abirame le balatedi ba bone ba le 250 ba ne ba gana go reetsa Moshe. Ba ne ba mo raya ba re: ‘Re lapile ke wena! Goreng Arone e le moperesiti yo mogolo mme wena o le moeteledipele wa rona? Ga se gore ke wena le Arone fela ba Jehofa a ba dirisang.’ Seo ga se a ka sa itumedisa Jehofa. O ne a tsaya gore ba a mo nyatsa!

Moshe o ne a raya Kora le balatedi ba gagwe a re: ‘Kamoso lo tle kwa lefelong la kobamelo mme lo tle lo tshotse dilo tsa go tshola molelo le tsa go fisa dinkgisamonate. Jehofa o tla re bontsha gore o tlhophile mang.’

Mo letsatsing le le latelang, Kora le balatedi ba gagwe ba le 250 ba ne ba ya go kopana le Moshe kwa lefelong la kobamelo. Fa ba le koo, ba ne ba fisa dinkgisamonate mme eo e ne e le tiro ya baperesiti fela. Jehofa o ne a raya Moshe le Arone a re: ‘Sutang fa pele ga Kora le balatedi ba gagwe.’

Le fa Kora a ile a ya kwa lefelong la kobamelo, Dathane, Abirame le ba malapa a bone ba ne ba gana go ya. Jehofa o ne a raya Baiseraele a re ba sute fa pele ga tente ya ga Kora, Dathane le ya ga Abirame. Baiseraele ba ne ba suta ka bonako. Dathane, Abirame le ba malapa a bone ba ne ba ema kwa ntle ga ditente tsa bone. Lefatshe le ne la bulega mme la ba kometsa! Mme kwa lefelong la kobamelo, molelo o ne wa tswa kwa legodimong mme wa fisa Kora le balatedi ba gagwe ba le 250.

Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Tsaya thobane ya moeteledipele wa lotso longwe le longwe mme o kwale leina la gagwe mo go yone. Mme mo thobaneng ya lotso lwa Balefi o kwale leina la ga Arone. Tsenya dithobane tseo mo teng ga motlaagana mme thobane ya monna yo ke tla mo tlhophang e tla tlhoga malomo [kgotsa dithunya].’

Mo letsatsing le le latelang, Moshe o ne a ntsha dithobane tseo tsotlhe mme a di bontsha baeteledipele. Thobane ya ga Arone e ne e na le malomo le maungo a a buduleng. Jehofa o ne a dira seno go bontsha gore o tlhophile Arone go nna moperesiti yo mogolo.

“Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe.”—Bahebera 13:17