Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 29

Jehofa o Tlhopha Joshua

Jehofa o Tlhopha Joshua

Moshe o ne a eteletse pele setšhaba sa Iseraele ka dingwaga di le dintsi mme o ne a le gaufi le go swa. Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Ga se wena yo o tla tsenyang Baiseraele mo lefatsheng le ke ba solofeditseng lone. Mme ke tla go letla gore o le bone.’ Moshe o ne a kopa Jehofa gore a tlhophe motho yo o tla etelelang Baiseraele pele. Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Ya kwa go Joshua mme o mmolelele gore ke ene a tla etelelang Baiseraele pele.’

Moshe o ne a bolelela Baiseraele gore o tlile go swa le gore Jehofa o tlhophile Joshua gore e nne ene a ba etelelang pele go tsena mo lefatsheng le Modimo a neng a ba solofeditse lone. Go tswa foo, Moshe o ne a raya Joshua a re: ‘O se ka wa boifa. Jehofa o tla go thusa.’ Moragonyana, Moshe o ne a ya kwa Thabeng ya Nebo mme Jehofa o ne a mmontsha lefatshe le a neng a le solofeditse Aborahame, Isake le Jakobe. Moshe o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 120.

Jehofa o ne a raya Joshua a re: ‘Kgabaganya Noka ya Joredane, o ye kwa Kanana. Ke tla go thusa fela jaaka ke ile ka thusa Moshe. Bala Molao wa me letsatsi le letsatsi. O se ka wa boifa. Nna pelokgale. Tsamaya o ye go dira se ke go laetseng sone.’

Joshua o ne a romela banna ba babedi gore ba ye go tlhola motse wa Jeriko. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa se se ileng sa direga fa ba le koo. Fa banna bao ba boa, ba ile ba raya Joshua ba re Baiseraele ba ka nna ba ya kwa Kanana. Mo letsatsing le le latelang, Joshua o ne a bolelela Baiseraele gore ba ipaakanyetse go tsamaya. Go tswa foo, o ile a laela baperesiti ba ba neng ba tshotse letlole la kgolagano gore e nne bone ba ntlha go kgabaganya Noka ya Joredane. Noka e ne e tletse. Mme fa baperesiti ba gata mo metsing, noka e ne ya emisa go elela mme metsi a kgala! Baperesiti ba ne ba ya go ema mo gare ga metsi mme setšhaba sotlhe sa Iseraele se ne sa kgabaganya. A o akanya gore kgakgamatso eo e ile ya ba gopotsa se Jehofa a ileng a se dira kwa Lewatleng le Lehibidu?

Baiseraele ba ne ba tsena mo lefatsheng le Modimo a neng a ba solofeditse lone. Ba ne ba aga matlo le metse. Ba ne ba jala. Leno e ne e le lefatshe le le elelang mashi le mamepe a dinotshi.

“Jehofa o tla go etelela pele ka metlha a bo a go kgotsofatsa, tota le mo lefatsheng le le omeletseng.”—Isaia 58:11