Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 30

Rahabe o Fitlha Ditlhola

Rahabe o Fitlha Ditlhola

Fa banna ba Baiseraele ba ne ba ile go tlhola motse wa Jeriko, ba ile ba gorogela kwa ntlong ya mosadi mongwe yo o bidiwang Rahabe. Kgosi ya Jeriko e ne ya bolelelwa mme ya romela masole gore a ye kwa ntlong ya ga Rahabe. Rahabe o ne a fitlha banna bao mo marulelong a ntlo mme a romela masole go sele. O ne a raya banna bao a re: ‘Ke lo thusa jaana ka gonne ke itse gore Jehofa ke ene a lo thusang le gore lo tlile go gapa motse wa rona. Ke kopa lo ntsholofetse gore lo tla sireletsa ba lelapa la gaetsho.’

Banna bao ba ne ba raya Rahabe ba re: ‘Motho yo o tla bong a le mo ntlong ya gago fa re tla go senya motse ono ga a kitla a bolawa. Bofa thapo e khibidu mo fensetereng ya ntlo ya gago mme ba lelapa la gago ba tla bolokwa.’

Rahabe o ne a dirisa thapo eo go ntsha banna bao ka fensetere. Ba ne ba ya kwa thabeng mme ba iphitlha malatsi a le mararo pele ba boela kwa go Joshua. Go tswa foo, Baiseraele ba ne ba kgabaganya Noka ya Joredane mme ba ipaakanyetsa go gapa motse oo. Jeriko e ne e le motse wa ntlha o ba neng ba o gapa. Jehofa o ne a raya Baiseraele a re ba dikologe motse malatsi a le marataro mme ba dire jalo gangwe ka letsatsi. Mo letsatsing la bosupa, ba ne ba dikologa motse ga supa. Go tswa foo, baperesiti ba ne ba letsa diterompeta tsa bone mme masole a ne a goela kwa godimo thata. Mabota a motse wa Jeriko a ile a wa! Mme ntlo ya ga Rahabe e e neng e ageletswe mo leboteng ga e a ka ya wa. Rahabe le ba lelapa la gagwe ba ne ba sirelediwa ka gonne Rahabe o ne a tshepa Jehofa.

“Ka mokgwa o o tshwanang, a Rahabe . . . ga a a bolelwa a siame ka ditiro, fa a sena go amogela barongwa sentle a bo a ba tsamaisa ka tsela e nngwe?”—Jakobe 2:25