Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 31

Joshua le Bagibeone

Joshua le Bagibeone

Bakanana ba ile ba utlwa ka se se diragetseng kwa Jeriko. Dikgosi tsa Kanana di ile tsa kopana gore di lwantshe Baiseraele. Mme Bagibeone ga ba a ka ba dira jalo. Ba ne ba ya kwa go Joshua ba apere diaparo tse di gagogileng mme ba mo raya ba re: ‘Re tswa kgakala. Re utlwile ka ga Jehofa le ka dilo tse a di dirileng kwa Egepeto le kwa Moabe. Re solofetseng gore ga lo kitla lo lwa le rona mme re tla nna batlhanka ba lona.’

Joshua o ne a ba dumela mme a ba solofetsa gore ga a kitla a lwa le bone. Morago ga malatsi a le mararo, Joshua o ne a lemoga gore ba ne ba sa bua boammaaruri. Ba ne ba tswa kwa nageng ya Kanana. Joshua o ne a ba botsa a re: ‘Ke eng fa lo buile maaka?’ Ba ne ba mo raya ba re: ‘Re ne re tshogile! Re a itse gore Jehofa Modimo wa lona o a lo lwela. Tsweetswee lo se ka lwa re bolaya.’ Joshua ga a ka a ba bolaya.

Dikgosi tse tlhano tsa kwa Kanana le masole a tsone a ne a tshosetsa Bagibeone. Joshua le masole a gagwe ba ne ba tsamaya bosigo jotlhe go ya go ba thusa. Ntwa e ne ya simologa mo mosong wa letsatsi le le latelang. Bakanana ba ne ba simolola go sia. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba siela gone, Jehofa o ne a ba nesetsa sefako se segolo. Go tswa foo, Joshua o ne a kopa Jehofa gore a dire gore letsatsi le eme. Goreng a ile a kopa Jehofa gore a dire selo se a iseng a tsamaye a se dire? Ka gonne Joshua o ne a tshepa Jehofa. Jehofa o ne a dira gore letsatsi le se ka la suta go fitlha Baiseraele ba fenya dikgosi tsa Kanana le masole a tsone.

“A lefoko la lona la ‘Ee’ le reye ee, ‘Nnyaa’ wa lona a reye nnyaa, ka gonne se se fetang tseno se tswa kwa go yo o boikepo.”—Mathaio 5:37