Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 32

Moeteledipele yo Mosha le Basadi ba Babedi ba ba Pelokgale

Moeteledipele yo Mosha le Basadi ba Babedi ba ba Pelokgale

Morago ga gore Joshua a etelele pele batho ba ga Jehofa ka dingwaga di le dintsi, o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 110. Fa Joshua a ne a sa ntse a tshela, Baiseraele ba ne ba obamela Jehofa. Mme fa a sena go tlhokafala, ba ne ba simolola go dira jaaka Bakanana mme ba obamela medimo e sele. Jehofa o ne a letla kgosi ya Bakanana e bong Jabine gore a tshedise Baiseraele botlhoko ka gonne ba ne ba sa tlhole ba mo ikobela. Baiseraele ba ne ba kopa Jehofa gore a ba thuse. Ka jalo, Jehofa o ne a tlhoma moeteledipele yo mosha e bong Barake. O ne a tla thusa batho gore ba boele kwa go Jehofa.

Moporofeti wa mosadi e bong Debora o ne a kopa Barake gore a tle kwa go ene. O ne a mmolelela molaetsa o o tswang kwa go Jehofa o o neng o re: ‘Tsaya banna ba le 10 000 mme o ye go kopana le masole a ga Jabine kwa nokeng ya Kishone. Fa o le koo, o tla fenya moeteledipele wa masole a ga Jabine e bong Sisera.’ Barake o ne a raya Debora a re: ‘Ke tla ya fa fela o ka tla le nna.’ Debora o ne a mo raya a re: ‘Ke tla tsamaya le wena. Mme itse gore ga se wena yo o tlileng go bolaya Sisera. Jehofa o rile o tla bolawa ke mosadi mongwe.’

Debora o ne a tsamaya le Barake le masole a gagwe go fitlha kwa Thabeng ya Tabore go ya go ipaakanyetsa ntwa gone. Fa Sisera a utlwa seno, o ne a tsaya dikara tsa ntwa le masole a gagwe mme ba ya kwa nokeng eo. Debora o ne a raya Barake a re: ‘Gompieno Jehofa o tla dira gore o fenye.’ Barake le masole a gagwe a le 10 000 ba ne ba fologa thaba go ya go lwa le masole a a maatla a ga Sisera.

Go tswa foo, Jehofa o ne a dira gore noka ya Kishone e tlale. Dikara tsa ntwa tsa ga Sisera di ile tsa palelwa ke go tswa mo seretseng. Sisera o ne a di tlogela mme a tshaba. Barake le masole a gagwe ba ne ba fenya masole a ga Sisera, mme Sisera ene o ne a falola! O ne a sia mme a iphitlha mo tenteng ya mosadi mongwe yo o bidiwang Jaele. Mosadi yoo o ile a mo naya mashi mme a mo khurumetsa ka kobo. Motlhabani yono yo o neng a lapile, o ne a robala. Go tswa foo, Jaele o ne a kukuna mme a mo tlhaba mo tlhogong mme a swa.

Barake o ne a ya go batla Sisera. Jaele o ne a tswela kwa ntle mme a mo raya a re: ‘Tsena. Ke tla go bontsha monna yo o mmatlang.’ Barake o ne a tsena mme a fitlhela Sisera a sule. Barake le Debora ba ne ba opela ba galaletsa Jehofa ka gonne a ba thusitse go fenya baba ba bone. Baiseraele ba ne ba tshela ka kagiso ka dingwaga di le 40.

“Basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke lesomo le legolo.”—Pesalema 68:11