Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 36

Jefetha o Solofetsa Modimo Sengwe

Jefetha o Solofetsa Modimo Sengwe

Baiseraele ba ne ba tlogela go direla Jehofa gape mme ba simolola go obamela medimo ya maaka. Fa Baamona ba tlhasela Baiseraele, medimo eo ya maaka ga e a ka ya ba thusa. Baiseraele ba ne ba sotlega lobaka lo loleele. Ba ne ba raya Jehofa ba re: ‘Re leofile. Tsweetswee re golole mo Baamoneng.’ Baiseraele ba ne ba senya medingwana ya bone mme ba simolola go direla Jehofa gape. Jehofa o ne a sa batle go ba bona ba utlwa botlhoko.

Lesole le le maatla e bong Jefetha o ne a tlhophiwa gore a etelele Baiseraele pele fa ba ya go lwa le Baamona. O ne a raya Jehofa a re: ‘Fa o ka nthusa go fenya ntwa eno, ke tla go naya motho wa ntlha yo o tswang mo ntlong ya me go tla go nkgatlhantsha.’ Jehofa o ne a reetsa thapelo ya ga Jefetha mme a mo thusa go fenya ntwa.

Fa Jefetha a boa go tswa kwa ntweng, motho wa ntlha go mo kgatlhantsha e ne e le ngwana wa gagwe wa mosetsana. Mosetsana yoo, o ne a bina e bile a letsa moropa. Jefetha o ne a dira eng? O ne a gopola se a neng a se solofeditse Jehofa a bo a re: ‘Ijoo morwadiake! O nkutlwisitse botlhoko. Ke solofeditse Jehofa sengwe. Mme ke tshwanetse go diragatsa tsholofetso eo ka go go romela gore o ye go direla Modimo kwa Shilo.’ Mme ngwana wa gagwe o ne a mo raya a re: ‘Rre, fa o solofeditse Jehofa sengwe, o tshwanetse go se dira. Ke kopa go fetsa dikgwedi di le pedi kwa thabeng ke na le ditsala tsa me. Go tswa foo, ke tla ya kwa Shilo.’ Morwadie Jefetha o ne a direla Modimo kwa Shilo botshelo jotlhe jwa gagwe. Ngwaga le ngwaga, ditsala tsa gagwe di ne di mo etela kwa Shilo.

“Yo o ratang morwawe kgotsa morwadie thata go na le nna ga a ntshwanele.”—Mathaio 10:37