Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 39

Kgosi ya Ntlha ya Iseraele

Kgosi ya Ntlha ya Iseraele

Jehofa o ne a tlhomile baatlhodi gore ba etelele Baiseraele pele, mme Baiseraele ba ne ba batla kgosi. Ba ne ba raya Samuele ba re: ‘Ditšhaba tse dingwe di na le dikgosi. Le rona re a e batla.’ Samuele o ne a sa dumalane le kgang eo, ka jalo, o ne a bua le Jehofa ka yone. Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Batho bano ga ba gane wena. Ba gana nna. Ba bolelele gore ba ka nna le kgosi mme kgosi eo e tlile go batla dilo tse dintsi mo go bone.’ Mme batho ba ne ba re: ‘Ga re kgathale. Re batla kgosi!’

Jehofa o ne a bolelela Samuele gore monna mongwe yo o bidiwang Saulo, o tla nna kgosi ya ntlha. Fa Saulo a ne a etetse Samuele kwa Rama, Samuele o ne a mo dira kgosi ka go mo tshela oli mo tlhogong.

Moragonyana, Samuele o ne a bitsa Baiseraele le go ba bontsha kgosi e ba neng ba e batla. Mme Saulo o ne a seyo. A o itse gore o ne a le kae? O ne a iphitlhile mo gare ga merwalo. Fa ba sena go bona Saulo, ba ne ba mo tlisa gore batho ba mmone. Saulo o ne a le moleele go feta batho botlhe e bile a le montle thata. Samuele o ne a re: ‘Yono ke yo Jehofa a mo tlhophileng.’ Batho ba ne ba goa ba re: ‘A kgosi e tshele ka bosakhutleng!’

Kwa tshimologong, Kgosi Saulo o ne a reetsa Samuele e bile a ikobela Jehofa. Mme o ne a fetoga. Ka sekai, kgosi e ne e sa tshwanela go ntsha ditlhabelo. Nako nngwe Samuele o ne a bolelela Saulo gore a mo emele, mme Samuele o ile a diega. Ka jalo, Saulo o ne a ntsha setlhabelo seo. Samuele o ne a dira eng? O ne a mo raya a re: ‘O ne o sa tshwanela go tlola taelo ya ga Jehofa.’ A Saulo o ne a ithuta mo phosong ya gagwe?

Moragonyana fa Saulo a ne a ya go lwa le Baamaleke, Samuele o ne a mmolelela gore a bolaye sengwe le sengwe. Mme Saulo ga a ka a bolaya Kgosi Agage. Jehofa o ne a raya Samuele a re: ‘Saulo ga a tlhole a ntheetsa.’ Samuele o ne a utlwile botlhoko tota mme o ne a raya Saulo a re: ‘Jehofa o tla tlhopha kgosi e nngwe gape ka gonne ga o a mo ikobela.’ Fa Samuele a re o a tsamaya, Saulo o ne a mo tshwara mme seaparo sa gagwe sa gagoga. Go tswa foo, Samuele o ne a raya Saulo a re: ‘Jehofa o tla gagola bogosi jwa gago fela jalo.’ Jehofa o ne a tlile go tsaya bogosi joo le go bo naya mongwe yo o mo ratang e bile a mo ikobela.

“Go ikoba go botoka go na le setlhabelo.”—1 Samuele 15:22