Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 40

Dafide le Goliathe

Dafide le Goliathe

Jehofa o ne a raya Samuele a re: ‘Ya kwa ntlong ya ga Jese. Mongwe wa bana ba gagwe o tla nna kgosi e e latelang ya Iseraele.’ Ka jalo, Samuele o ne a ya kwa ntlong ya ga Jese. Fa a bona ngwana wa ga Jese wa ntlha o ne a re: ‘Gongwe lekawana leno ke lone le tlileng go nna kgosi.’ Mme Jehofa o ne a raya Samuele a re ga se ene. Jehofa o ne a re: ‘Ke bona se se mo pelong ya motho e seng tsela e a lebegang ka yone.’

Jese o ne a tlisa bana ba bangwe ba barataro. Mme Samuele o ne a re: ‘Jehofa ga a tlhopha ope wa bone. A ba feletse?’ Jese o ne a re: ‘Go na le yo mmotlana e bong Dafide. O ile go disa dinku.’ Fa Dafide a goroga, Jehofa o ne a raya Samuele a re: ‘Yono ke ene!’ Samuele o ne a tshela oli mo tlhogong ya ga Dafide, a mo tlhopha gore e nne kgosi e e latelang ya Iseraele.

Nako nngwe Baiseraele ba ne ba le kwa ntweng le Bafilisitia ba ba neng ba na le lesole la seganka le le bidiwang Goliathe. Goliathe o ne a nyatsa Baiseraele letsatsi le letsatsi. O ne a goa a re: ‘Romelang monna mongwe a tle go lwa le nna. Fa a ka fenya, re tla nna makgoba a lona; mme fa nka fenya, lo tla nna makgoba a rona.’

Dafide o ne a ya kwa kampeng ya sesole ya Baiseraele a isetsa bomogoloe dijo. O ne a utlwa se Goliathe a neng a se bua a bo a re: ‘Ke tla lwa le ene!’ Kgosi Saulo o ne a mo raya a re: ‘O mosimanyana fela.’ Dafide o ne a mo raya a re: ‘Jehofa o tla nthusa.’

Saulo o ne a leka go apesa Dafide diaparo tsa gagwe tsa ntwa mme Dafide o ne a re: ‘Ga ke kgone go lwa ke apere diaparo tseno.’ Dafide o ne a tsaya seragamaje sa gagwe mme a ya kwa nokeng. O ne a sela maje a le matlhano a a borethe a bo a a tsenya mo bekeng ya gagwe. Go tswa foo, o ne a tabogela kwa go Goliathe. Goliathe o ne a re: ‘Tla kwano mosimanyana ke wena. Ke tla go bolaya ke bo ke go tlogelela dinonyane tsa magodimo le diphologolo tsa naga gore di go je.’ Dafide o ne a sa boife. O ne a goeletsa Goliathe a re: ‘O tla ka tšhaka le lerumo mme nna ke tla ka leina la ga Jehofa. Ga o lwe le rona; o lwa le Modimo. Batho bano botlhe ba tla bona gore Jehofa o maatla go gaisa tšhaka kgotsa lerumo. Jehofa o tla dira gore re lo fenye.’

Dafide o ne a tsenya leje mo seragamajeng a bo a se dikolosa. Jehofa o ne a dira gore leje le phunyeletse mo phatleng ya ga Goliathe. Seganka seo se ile sa wela fa fatshe. Bafilisitia ba ne ba tshaba. A o tshepa Jehofa fela jaaka Dafide?

“Mo bathong ga go kgonege mme ga go a nna jalo mo Modimong, ka gonne dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.”—Mareko 10:27