Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 41

Dafide le Saulo

Dafide le Saulo

Fa Dafide a sena go bolaya Goliathe, Kgosi Saulo o ne a mo tlhoma go nna moeteledipele wa masole a gagwe. Dafide o ne a fenya dintwa tse dintsi mme seo sa dira gore batho ba mo rate. Nako le nako fa a boa kwa ntweng, basadi ba ne ba bina le go opela ba re: ‘Saulo o bolaile dikete mme Dafide o bolaile dikete di le masomesome!’ Saulo o ne a fufegela Dafide a bo a batla go mmolaya.

Dafide o ne a itse go letsa harepa monate tota. Letsatsi lengwe fa Dafide a leletsa Saulo harepa, Saulo o ne a mo konopa ka lerumo. Dafide o ne a le tila mme lerumo leo la itaya mo loboteng. Morago ga moo, Saulo o ne a leka go bolaya Dafide makgetlo a le mantsi. Mme Dafide o ne a tshaba a ya go iphitlha kwa nageng.

Saulo o ne a tsaya masole a le 3 000 mme a ya go batla Dafide. O ne a tsena mo legageng le Dafide le masole a gagwe ba neng ba iphitlhile mo go lone. Masole a ga Dafide a ne a mo raya a re: ‘Eno ke tshono ya gore o bolaye Saulo.’ Dafide o ne a kukuna a ya kwa go Saulo a bo a kgaola karolo ya seaparo sa gagwe. Saulo ga a ka a lemoga. Moraganyana Dafide o ne a tshwenngwa ke kgang ya gore ga a ka a tlotla kgosi e e tlhomilweng ke Jehofa. Ga a ka a letla masole a gagwe go tlhasela Saulo. O ne a goeletsa Saulo a mmolelela gore a ka bo a mmolaile fa a ne a batla. A Saulo o ne a tla tlogela go batla go bolaya Dafide?

Nnyaa. Saulo o ne a tswelela a tsoma Dafide. Bosigo bongwe, Dafide le setlogolo sa gagwe e bong Abishai ba ne ba kukunela mo Saulo a neng a tlhomile tente gone. Mosireletsi wa ga Saulo e bong Abenere le ene o ne a robetse. Abishai o ne a re: ‘Eno ke tshono ya rona! Mma ke mmolaye.’ Dafide o ne a re: ‘Jehofa o tla atlhola Saulo. A re tseye lerumo le nkgo ya gagwe ya metsi mme re tsamaye.’

Dafide o ne a palama thaba e e neng e lebagane le kwa Saulo a neng a kampile teng. O ne a goeletsa a re: ‘Abenere, goreng o sa sireletsa kgosi ya gago? Nkgo le lerumo la ga Saulo di kae?’ Saulo o ne a utlwa lentswe la ga Dafide a bo a re: ‘O ka bo o mpolaile mme ga o a dira jalo. Ke a itse gore o tlile go nna kgosi e e latelang ya Iseraele.’ Saulo o ne a boela kwa ntlong ya gagwe ya segosi. Mme ga se botlhe ba lelapa la ga Saulo ba ba neng ba tlhoile Dafide.

“Fa go kgonega, go ya kafa lo kgonang ka gone, agisanang le batho botlhe. Baratwa, lo se ka lwa ipusolosetsa, mme thibogelang tšhakgalo.” —Baroma 12:18, 19