Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 42

Jonathane O ne A le Pelokgale e Bile a Ikanyega

Jonathane O ne A le Pelokgale e Bile a Ikanyega

Ngwana wa ntlha wa ga Kgosi Saulo e bong Jonathane e ne e le lesole la segatlhamelamasisi. Dafide o ne a re Jonathane o ne a le bonako go gaisa ntsu e bile a le maatla go gaisa tau. Letsatsi lengwe, Jonathane o ne a bona masole a le 20 a Bafilisitia a le mo thabeng. O ne a raya motsholadibetsa wa gagwe a re: ‘Re tla ba tlhasela fela fa Jehofa a re kaela gore re dire jalo. Re tla tlhasela Bafilisitia fa ba ka re re tle.’ Bafilisitia ba ne ba re: ‘Tlang re lweng!’ Banna bao ba babedi ba ne ba palama thaba ba bo ba lwa le masole ao go fitlha ba a fenya.

Jonathane o ne a tshwanetse go nna kgosi e e latelang ya Iseraele ka gonne e ne e le ngwana wa ntlha wa ga Saulo. Mme o ne a itse gore Jehofa o tlhophile Dafide gore e nne kgosi e e latelang ya Iseraele; ka jalo, o ne a sa mo fufegele. Jonathane le Dafide e ne ya nna ditsala tse dikgolo. Ba ne ba solofetsana gore ba tla sireletsana le go tlhokomelana. Jonathane o ne a naya Dafide seaparo sa gagwe, tšhaka, bora le lebante go bontsha gore ke tsala ya gagwe.

Fa Dafide a ne a tshaba Saulo, Jonathane o ne a mo raya a re: ‘Nna pelokgale mme o se ka wa boifa. Jehofa o go tlhophile go nna kgosi. Tota le rre o a itse.’ A o ka rata go nna le tsala e e tshwanang le Jonathane?

Jonathane o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing makgetlo a le mmalwa gore a thuse tsala ya gagwe. O ne a itse gore Kgosi Saulo o batla go bolaya Dafide, ka jalo, Jonathane o ne a mo raya a re: ‘Fa o ka bolaya Dafide o tla bo o dira boleo ka gonne ga a dira sepe se se phoso.’ Saulo o ne a galefela Jonathane. Dingwaga di le mmalwa morago ga moo, Saulo le Jonathane ba ne ba swela kwa ntweng.

Morago ga moo, Dafide o ne a ya go batla ngwana wa ga Jonathane e bong Mefiboshethe. Fa a sena go mmona, o ne a mo raya a re: ‘Ke tla go tlhokomela botshelo jwa gago jotlhe ka gonne rrago e ne e le tsala ya me. O tla nna mo ntlong ya me ya segosi o bo o jela mo tafoleng ya me.’ Dafide ga a ka a lebala tsala ya gagwe e bong Jonathane.

“Lo ratane fela jaaka ke lo ratile. Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a ntshe botshelo jwa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.”—Johane 15:12, 13