Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 43

Kgosi Dafide o a Leofa

Kgosi Dafide o a Leofa

Fa Saulo a sena go swa, Dafide o ne a nna kgosi. O ne a na le dingwaga di le 30. Morago ga dingwaga di le mmalwa e le kgosi, o ne a ema mo marulelong a ntlo ya gagwe ya segosi mme a bona mosadi yo montle. Dafide o ne a bolelelwa gore leina la mosadi yoo ke Bathesheba le gore o nyetswe ke lesole le le bidiwang Uria. Dafide o ne a laletsa Bathesheba mo ntlong ya gagwe. Ba ne ba tlhakanela dikobo mme Bathesheba a ima. Dafide o ne a leka go fitlha se a se dirileng. O ne a laela molaodi wa masole gore a beye Uria kwa pele mo ntweng mme go se ka ga nna le ope yo o mo thusang. Fa Uria a sena go bolawa kwa ntweng, Dafide o ne a nyala Bathesheba.

Mme Jehofa o ne a bone se Dafide a se dirileng. O ne a dira eng? Jehofa o ne a romela moporofeti Nathane gore a ye kwa go Dafide. Nathane o ne a raya Dafide a re: ‘Monna mongwe wa mohumi o ne a na le dinku tse dintsi mme monna wa mohumanegi o ne a na le kwanyana e a neng a e rata thata. Monna wa mohumi o ne a tsaya kwanyana eo.’ Dafide o ne a galefa mme a re: ‘Monna yoo o tshwanetse go swa!’ Nathane o ne a raya Dafide a re: ‘Ke wena monna yoo!’ Dafide o ne a utlwile botlhoko thata mme a raya Nathane a re: ‘Ke leofetse Jehofa.’ Boleo joo bo ne jwa tsenya Dafide le lelapa la gagwe mo mathateng a mantsi. Jehofa o ne a otlhaya Dafide mme ga a ka a mmolaya ka gonne Dafide o ne a ikanyega e bile a sa itseele kwa godimo.

Dafide o ne a batla go agela Jehofa tempele mme Jehofa o ne a tlhopha ngwana wa gagwe e bong Solomone gore e nne ene a e agang. Dafide o ne a rulaganya dilo tsa go aga mme a re: ‘Tempele ya ga Jehofa e tshwanetse go nna lefelo le lentle thata. Solomone o sa ntse a le monnye mme ke tla mo thusa go baakanya dilo tse a tla di tlhokang.’ Dafide o ne a ntsha madi a mantsi gore go agiwe tempele. O ne a batla gore tempele e agiwe ke badiri ba ba nang le bokgoni. O ne a kokoanya gouta le selefera mme a reka logong lwa maemo a a kwa godimo go tswa kwa Ture le Sidona. Pele Dafide a swa, o ne a naya Solomone dipolane tsa tempele eo. A bo a re: ‘Jehofa o ne a ntaela gore ke go di kwalele. Jehofa o tla go thusa. O se ka wa tshoga. Nna pelokgale mme o simolole go aga.’

“Motho yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a kitla a atlega, mme ope fela yo o ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.”—Diane 28:13