Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 44

Tempele ya ga Jehofa

Tempele ya ga Jehofa

Fa Solomone a sena go nna kgosi ya Iseraele, Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Ke eng se o ka ratang ke go se naya?’ Solomone o ne a re: ‘Ke monnye e bile ga ke itse se ke se dirang. Ke kopa gore o nneye botlhale gore ke kgone go tlhokomela batho ba gago.’ Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Ke tla go dira monna yo o botlhale go gaisa botlhe mo lefatsheng. Gape ke tla dira gore o nne le dikhumo tse dintsi. Fa o ka ntheetsa, o tla tshela lobaka lo loleele thata.’

Solomone o ne a simolola go aga tempele. O ne a dirisa gouta ya maemo a a kwa godimo, selefera, logong le maje. Tempele e ne ya agiwa ke banna le basadi ba bantsi ba ba nang le bokgoni. Morago ga dingwaga di le supa, tempele e ne e setse e feditswe gore e neelwe Jehofa. E ne e na le sebeso mme go ne go na le ditlhabelo mo go sone. Solomone o ne a khubama fa pele ga lefelo leo a bo a rapela a re: ‘Jehofa, tempele eno e nnye thata e bile ga e ntle go le kalo gore o ka nna mo go yone mme tsweetswee re kopa o amogele kobamelo le dithapelo tsa rona.’ Jehofa o ne a ikutlwa jang ka tempele le ka thapelo eo ya ga Solomone? Fa Solomone a sena go rapela, molelo o ne wa tswa kwa legodimong mme wa fisa diphologolo tse di neng di beilwe mo lefelong la go fisa ditlhabelo. Seo se ne sa bontsha gore Jehofa o amogela tempele eo. Baiseraele ba ne ba itumela fa ba bona seo.

Batho ba Iseraele le ba mafelo a a kgakala ba ne ba itse Kgosi Solomone e le motho yo o botlhale. Batho ba ne ba ya kwa go Solomone fa ba na le mathata. Tota le kgosigadi ya Sheba e ne ya tla go mmotsa dipotso tse di thata. Kgosigadi eo e ne ya bua jaana: ‘Ke ne ke sa dumele se batho ba neng ba se bua ka wena mme jaanong ke a bona gore o botlhale go feta jaaka ba ne ba bua. Modimo wa gago e bong Jehofa, o go segofaditse.’ Baiseraele ba ne ba itumelela botshelo jo bo monate. Mme seo se ne se tla tloga se fetoga.

“Bonang! sengwe se se fetang Solomone se fano.”—Mathaio 12:42