Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 45

Bogosi bo a Kgaogana

Bogosi bo a Kgaogana

Go ne go na le kagiso mo Iseraele fa Solomone a sa ntse a obamela Jehofa. Mme Solomone o ne a nyala basadi ba le bantsi ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng mme basadi bao ba ne ba sa obamele Jehofa. Ka iketlo, Solomone o ne a fetoga mme le ene a simolola go obamela medimo eo. Jehofa o ne a galefa. O ne a raya Solomone a re: ‘Bogosi bo tla tsewa mo losikeng lwa gago mme bo tla kgaoganngwa ka dikarolo tse pedi. Ke tla naya mongwe wa batlhanka ba gago karolo e kgolo mme lelapa la gago le tla busa karolo e nnye.’

Jehofa o ne a dira sengwe gape go bontsha gore se a se buileng se tla direga. Mongwe wa batlhanka ba ga Solomone e bong Jeroboame o ne a kopana le moporofeti Ahija mo tseleng. Ahija o ne a gagola seaparo sa gagwe ka dikarolo di le 12 mme a raya Jeroboame a re: ‘Jehofa o tla tsaya bogosi jwa Iseraele mo losikeng lwa ga Solomone a bo a bo kgaoganya ka dikarolo tse pedi. Tsaya dikarolo di le lesome tsa sone ka gonne o tla nna kgosi ya ditso di le lesome.’ Kgosi Solomone o ne a utlwela ka seo mme a batla go bolaya Jeroboame. Ka jalo, Jeroboame o ne a tshabela kwa Egepeto. Fa nako e ntse e ya, Solomone o ne a tlhokafala mme ngwana wa gagwe wa mosimane e bong Rehoboame o ne a nna kgosi. Jeroboame o ne a boela kwa Iseraele.

Banna ba bagolo ba Iseraele ba ne ba raya Rehoboame ba re: ‘Fa o ka dirisana le batho sentle, ga ba kitla ba go tlhanogela.’ Mme ditsala tsa gagwe tsone di ne di mo raya di re: ‘O tshwanetse go tshwara batho setlhogo! Ba berekise thata!’ Rehoboame o ne a reetsa ditsala tsa gagwe. O ne a tshwara batho setlhogo, ka jalo, ba ne ba mo tlhanogela. Ba ne ba tlhoma Jeroboame gore e nne kgosi ya ditso di le lesome, tse di bidiwang bogosi jwa Iseraele. Ditso tse dingwe tse pedi di ne tsa bidiwa bogosi jwa Juda mme Rehoboame e ne ya nna kgosi ya tsone. Jaanong ditso tse 12 tsa Iseraele di ne di kgaogane.

Jeroboame o ne a sa batle gore batho ba gagwe ba ye go obamela kwa Jerusalema ka gonne Rehoboame e ne e le kgosi ya koo. A o itse gore goreng a ne a sa batle? Jeroboame o ne a tshaba gore ba tla mo tlhanogela ba bo ba reetsa Rehoboame. Ka jalo, o ne a dira dinamane tse pedi tsa gauta a bo a raya batho a re: ‘Jerusalema e kgakala thata. Lo ka obamela Modimo fano.’ Batho ba ne ba simolola go obamela dinamane tseo ba bo ba lebala Jehofa gape.

“Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng. Gonne tshiamo e tsalana jang le go tlhoka molao? . . . Kgotsa ke eng se motho yo o dumelang a tshwanang ka sone le motho yo o sa dumeleng?”—2 Bakorintha 6:14, 15