Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 46

Go Senola Modimo wa Boammaaruri

Go Senola Modimo wa Boammaaruri

Puso ya Iseraele ya ditso di le lesome e ne e na le dikgosi di le dintsi tse di sa siamang mme Ahabe e ne e le mongwe wa ba ba bosula thata. O ne a nyetse mosadi yo o bosula yo o neng a obamela Baale. Leina la mosadi yoo e ne e le Jesebele. Ahabe le Jesebele ba ne ba batla gore batho botlhe ba obamele Baale e bile ba ne ba bolaya baporofeti ba ga Jehofa. Jehofa o ne a dira eng? O ne a romela moporofeti Elija gore a ise molaetsa wa gagwe kwa go Ahabe.

Elija o ne a bolelela Kgosi Ahabe go re ga go kitla go na pula mo Iseraele ka gonne a dirile dilo tse di sa siamang. Go ne ga feta dingwaga di le tharo dijalo di sa tlhoge e bile batho ba ne ba se na dijo. Moragonyana Jehofa o ne a romela Elija gape kwa go Ahabe. Kgosi e ne ya re: ‘O re tliseditse mathata! Dilo tseno tsotlhe di dirilwe ke wena.’ Elija o ne a re: ‘Ga se nna ke dirileng gore go se ka ga nna le dijo. Ke wena o dirileng jalo ka go obamela Baale. Re tla bona gore Modimo wa boammaaruri ke mang. Bitsa setšhaba le baporofeti ba ga Baale gore ba tle kwa godimo ga Thaba ya Karemele.’

Batho ba ne ba ya kwa thabeng. Elija o ne a re: ‘Dirang tshwetso. Fa e le gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri, mo reetseng. Fa e le gore Baale ke ene Modimo wa boammaaruri, mo reetseng. A re boneng. Baporofeti ba ga Baale ba le 450 ba tshwanetse go direla Baale setlhabelo mme nna ke tla direla Jehofa setlhabelo. Modimo yo o tla dirang gore go nne le molelo ke ene wa boammaaruri.’ Mme ba ne ba dumalana.

Baporofeti ba ga Baale ba ne ba baakanyetsa setlhabelo. Ba ne ba bitsa modimo wa bone letsatsi lotlhe ba re: ‘Baale, re arabe tlhe!’ Fa Baale a sa ba arabe, Elija o ne a dira motlae ka ene. O ne a re: ‘Goelang kwa godimo thata. Gongwe o robetse, o tlhoka gore mongwe a mo tsose.’ Go ne ga nna bosigo mme Baporofeti ba ga Baale ba ne ba ntse ba mmitsa. Mme Baale o ne a sa ba arabe.

Elija o ne a baya setlhabelo mo godimo ga sebeso a bo a tshela metsi. Go tswa foo o ne a rapela a re: ‘Ao tlhe Jehofa, dira gore batho bano ba itse gore o Modimo wa boammaaruri.’ Ka bonako fela, ke fa Jehofa a romela molelo o o tswang kwa legodimong gore o fise setlhabelo. Batho ba ne ba goa ba re: ‘Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!’ Elija a bo a re: ‘Lo se ka lwa letla baporofeti ba ga Baale ba sia!’ Baporofeti ba ga Baale ba le 450 ba ne ba bolawa mo letsatsing leo.

Fa go bonala leru le lennye mo godimo ga lewatle, Elija o ne a raya Ahabe a re: ‘Go tlile go na pula e e maatla. Golega kara ya gago ya ntwa mme o ye gae.’ Maru a ne a dira gore go nne lefifi, phefo ya simolola go foka mme ga na pula e e maatla. Go ne go sa tlhole go le leuba. Ahabe o ne a kgweetsa kara ya gagwe ka lobelo. Jehofa o ne a thusa Elija gore a taboge ka bonako go gaisa kara ya ga Ahabe! A mme gone mathata a ga Elija a ne a fedile? A re bone.

“E kete batho ba ka itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18