Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 48

Morwa wa Motlholagadi o a Tshela

Morwa wa Motlholagadi o a Tshela

Ka nako ya leuba, Jehofa o ne a raya Elija a re: ‘Tsamaya o ye kwa Sarepate. Motlholagadi mongwe o tla go naya dijo koo.’ Fa Elija a le kwa dikgorong tsa motse, o ne a bona mosadi wa motlholagadi yo o humanegileng a rwalela dikgong. O ne a mo kopa metsi. Fa mosadi yono a ya go tsaya metsi, Elija o ne a mo raya a re: ‘Ke kopa o ntlele le borotho.’ Mosadi wa motlholagadi o ne a re: ‘Ga ke na borotho. Ke na le folouru le mafura a a lekaneng gore ke itirele dijo tse dinnye le morwaake.’ Elija o ne a mo raya a re: ‘Jehofa o go solofetsa gore fa o ka ntirela borotho, folouru le mafura a gago ga di na go fela go fitlha pula e na gape.’

Ka jalo, mosadi yono wa motlholagadi o ne a ya lapeng mme a direla moporofeti wa ga Jehofa borotho. Ka nako ya leuba, mosadi wa motlholagadi le morwawe ga ba ka ba felelwa ke dijo fela jaaka Jehofa a ba solofeditse. Dijana tsa gagwe tsa folouru le mafura di ne di nna di tletse.

Go tswa foo, go ne ga direga sengwe se se utlwisang botlhoko. Morwa wa motlholagadi yono o ne a lwala thata a bo a tlhokafala. Mosadi yono o ne a kopa Elija gore a mo thuse. Elija o ne a tsaya mosimane yoo mo go mmaagwe a bo a mo isa kwa kamoreng e e kwa godimo. O ne a mmaya mo bolaong a bo a rapela a re: ‘Jehofa, tsweetswee dira gore mosimane yono a tshele gape.’ A o itse gore ke eng fa Jehofa a ne a ka itumelela go dira seo? Ka gonne go ne go se na ope yo o kileng a tsosiwa mo baswing ka nako eo e bile mosadi yono wa motlholagadi le morwawe e ne e se Baiseraele.

Mosimane yoo o ne a tsoga mme a simolola go hema! Elija o ne a raya motlholagadi a re: ‘Bona! Morwa wa gago o a tshela.’ O ne a itumetse tota mme a raya Elija a re: ‘Ruri o monna yo o direlang Modimo. Ke itse seno ka gonne o bua fela se Jehofa a reng o se bue.’

“Elang tlhoko magakabe: Ga a jale peo e bile ga a robe; ga a na sefalana le fa e le mabolokelo; le fa go ntse jalo, Modimo o a a fepa. A ga lo botlhokwa thata go feta dinonyane?”—Luke 12:24