Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 50

Jehofa o Sireletsa Jehoshafate

Jehofa o Sireletsa Jehoshafate

Kgosi ya Juda e bong Jehoshafate o ne a senya dibeso tsa ga Baale le medingwana e mengwe. O ne a batla gore batho ba itse melao ya ga Jehofa. Ka jalo, o ne a romela dikgosana le Balefi kwa metseng yotlhe ya Juda gore ba rute batho melao ya ga Jehofa.

Batho ba ditšhaba tse dingwe ba ne ba tshaba go tlhasela Bajuda ka gonne ba ne ba itse gore Jehofa o ne a ba sireleditse. Tota e bile, ba ne ba tlisetsa Kgosi Jehoshafate dimpho. Mme gone Bamoabe, Baamona le batho ba ba tswang kwa kgaolong ya Seire ba ne ba ya go lwa le Juda. Jehoshafate o ne a itse gore o tlhoka thuso ya ga Jehofa. O ne a bitsa batho botlhe; banna, basadi le bana gore ba tle mo Jerusalema. O ne a rapela jaana fa pele ga bone botlhe: ‘Jehofa re ka se kgone go fenya ntle le thuso ya gago. Re kopa o re bolelele gore re dire eng.’

Jehofa o ne a araba thapelo eo jaana: ‘Lo se ka lwa tshoga. Ke tla lo thusa. Emang mme lo bone gore ke tla lo sireletsa jang.’ Jehofa o ile a ba sireletsa jang?

Mo letsatsing le le latelang, Jehoshafate o ne a tlhopha baopedi a bo a ba raya a re ba gwante fa pele ga masole. Ba ne ba gwanta go tswa kwa Jerusalema go fitlha kwa lefelong la ntwa le le bidiwang Tekoa.

Fa baopedi ba ntse ba baka Jehofa e bile ba opelela kwa godimo ba itumetse, Jehofa o ne a ba lwela. O ne a dira gore Baamona le Bamoabe ba tlhakane tlhogo mme ba simolola go tlhaselana ba bo ba swa botlhe. Mme Jehofa o ne a sireletsa batho ba Juda, masole le baperesiti. Batho botlhe ba dinaga tse di gaufi ba ne ba utlwela ka se Jehofa a se dirileng e bile ba ne ba itse gore Jehofa o sa ntse a sireleditse batho ba gagwe. Jehofa o sireletsa batho ba gagwe jang? Ka ditsela di le dintsi. Ga a tlhoke thuso ya batho go dira jalo.

“Ga lo kitla lo tlhoka go lwa ntwa eno. Emang mo maemong a lona, emang lo sa tshikenyege mme lo bone poloko ya ga Jehofa mo boemong jwa lona.”—2 Ditiragalo 20:17