Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 51

Lesole le Mosetsana yo Monnye

Lesole le Mosetsana yo Monnye

Go ne go na le mosetsana mongwe yo monnye wa Moiseraele yo o neng a nna kwa Siria. Kwa ga bone go ne go le kgakala. Masole a Baasiria a ne a mo tsere mo go ba lelapa la gagwe mme jaanong e ne e le lelata la mosadi wa ga Naamane, yo e neng e le moeteledipele wa masole. Mosetsana yoo o ne a obamela Jehofa le fa batho ba a neng a tshela le bone ba ne ba obamela medimo e mengwe.

Naamane o ne a na le bolwetse jo bo kotsi jwa letlalo e bile o ne a nna fela a le mo ditlhabing. Mosetsana yoo o ne a batla go mo thusa. O ne a raya mosadi wa ga Naamane a re: ‘Ke itse mongwe yo o ka fodisang monna wa gago. Go na le moporofeti mongwe wa ga Jehofa yo o bidiwang Elisha kwa Iseraele. A ka fodisa monna wa gago.’

Mosadi wa ga Naamane o ne a bolelela Naamane se mosetsana yoo a se buileng. O ne a batla go fola, ka jalo, o ne a ya kwa ntlong ya ga Elisha kwa Iseraele. Naamane o ne a batla gore Elisha a mo tseye a le botlhokwa. Mme Elisha ga a ka a ya go bua le ene. O ne a romela batlhanka ba gagwe gore ba ye go mo dumedisa le go mo naya molaetsa o o reng: ‘Tsamaya o ye go tlhapa mo Nokeng ya Joredane ga supa. Go tswa foo o tla fola.’

Naamane o ne a kgobegile marapo tota. O ne a re: ‘Ke ne ke ithaya ke re moporofeti yono o tla mphodisa ka go bitsa Modimo wa gagwe le go mpaya diatla. Mme o nthaya a re ke ye kwa nokeng eno ya Iseraele. Re na le dinoka tse di botoka kwa Siria. Goreng ke sa ye gone?’ Naamane o ne a galefa mme a tswa mo legaeng la ga Elisha.

Batlhanka ba ga Naamane ba ne ba mo thusa go akanya sentle. Ba ne ba mo raya ba re: ‘A o ka se dire sengwe le sengwe gore o fole? Se moporofeti yono a reng o se dire se motlhofo thata. Goreng o sa se dire fela?’ Naamane o ne a ba reetsa. O ne a ya kwa Nokeng ya Joredane mme a tlhapa mo metsing ga supa. Morago ga lekgetlo la bosupa, Naamane o ne a tswa mo metsing a fodile. O ne a itumetse tota a bo a ya go leboga Elisha. Naamane o ne a re: ‘Jaanong ke a itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.’ O akanya gore mosetsana wa Moiseraele o ne a ikutlwa jang fa Naamane a boa a fodile?

“O tlisitse pako ka se se tswang mo molomong wa bana le masea.”—Mathaio 21:16