Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 53

Jehoiada yo o Pelokgale

Jehoiada yo o Pelokgale

Jesebele o ne a na le ngwana wa mosetsana yo o bidiwang Athalia yo o neng a sa siama fela jaaka ene. Athalia o ne a nyetswe ke kgosi ya Juda. Fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala, ngwana wa gagwe e ne ya nna kgosi. E rile fa ngwana wa gagwe a sena go tlhokafala, Athalia o ne a itira mmusi wa Juda. O ne a leka go bolaya batho botlhe ba lelapa la kgosi. O ne a bolaya mongwe le mongwe yo e neng e tla nna kgosi, le ditlogolo tsa gagwe tota. Batho botlhe ba ne ba mo tshaba.

Moperesiti yo Mogolo e bong Jehoiada le mosadi wa gagwe Jehosheba, ba ne ba itse gore se Athalia a se dirang ga se a siama. Ba ne ba itsenya mo kotsing ka go fitlha mongwe wa ditlogolo tsa ga Athalia, losea lo lo bidiwang Jehoashe. Ba ne ba mo godisetsa kwa tempeleng.

Fa Jehoashe a le dingwaga di le supa, Jehoiada o ne a bitsa dikgosana tsotlhe tsa motse le Balefi mme a ba raya a re: ‘Disang dikgoro tsa tempele mme lo se ka lwa letla ope go tsena.’ Go tswa foo, Jehoiada o ne a tlhoma Jehoashe go nna kgosi ya Juda a bo a mo rwesa serwalo sa kgosi. Batho ba Juda ba ne ba goa ba re: ‘A kgosi e tshele!’

Kgosigadi Athalia o ne a utlwa batho ba goa a bo a ya kwa tempeleng ka bonako. E rile a bona kgosi e ntšha a bo a goa a re: ‘Boferefere! Boferefere!’ Dikgosana di ne tsa phamola kgosigadi eo e e sa siamang, di bo di ya go mmolaya. Mme kgosigadi eo e ne e setse e tlhotlheleditse batho go dira dilo tse di sa siamang.

Jehoiada o ne a thusa batho bao go dira tumalano le Jehofa mme ba ne ba solofetsa gore ba tla obamela Jehofa fela. Jehoiada o ne a ba laela gore ba thube tempele ya ga Baale le go thubaganya medimo ya ditshwantsho. O ne a tlhoma baperesiti le Balefi go dira mo tempeleng gore batho ba kgone go obamela Jehofa mo go yone gape. O ne a tlhoma badisa go tlhokomela tempele gore go se ka ga tsena ope yo o dirang dilo tse di sa siamang. Go tswa foo, Jehoiada le dikgosana ba ne ba isa Jehoashe kwa ntlong ya kgosi ba bo ba mmaya mo setulong sa bogosi. Batho ba Juda ba ne ba itumetse. Jaanong ba ne ba kgona go direla Jehofa ba sa kgorelediwe ke Athalia le kobamelo ya ga Baale. A o bona gore bopelokgale jwa ga Jehoiada bo thusitse batho ba le bantsi jang?

“Lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele mme gone ba ka se ka ba bolaya moya; go na le moo, boifang ene yo o ka senyang moya le mmele mo Gehena.”—Mathaio 10:28