Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 57

Jehofa o Romela Jeremia Go ya Go Rera

Jehofa o Romela Jeremia Go ya Go Rera

Jehofa o ne a tlhopha Jeremia gore a ise molaetsa wa gagwe kwa bathong ba Juda. O ne a re a bolelele batho bao gore ba tlogele go dira dilo tse di sa siamang. Jeremia o ne a raya Jehofa a re: ‘Ke mosimanyana fela. Ga ke itse gore ke a go raya batho bano ke reng.’ Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Se boife. Ke tla go bolelela gore o ba reye o reng. Ke tla go thusa.’

Jehofa o ne a laela Jeremia gore a phuthe bagolwane ba Iseraele, a thube nkgo ya mmopa fa pele ga bone mme a ba reye a re: ‘Eno ke tsela e Jerusalema e tla thubiwang ka yone.’ Fa Jeremia a dira se Jehofa a mo laetseng sone, banna ba bagolo ba ne ba galefa thata. Moperesiti yo o bidiwang Pashure o ne a itaya Jeremia a bo a golega matsogo le maoto a gagwe ka dipolanka. Jeremia o ne a fetsa bosigo jotlhe a sa kgone go suta. Mo letsatsing le le latelang Pashure o ne a mo golola. Jeremia o ne a re: ‘Ke utlwile jaanong. Nka se tlhole ke bua ka molaetsa ono.’ A mme o ile a tlogela? Nnyaa. Fa Jeremia a akanya gape ka kgang eno, o ne a re: ‘Molaetsa wa ga Jehofa o tshwana le molelo mo teng ga me. Nka se kgone go emisa go bua ka one.’ Jeremia o ne a tswelela ka tiro ya gagwe.

Fa dingwaga di ntse di ya, go ne ga nna le kgosi e ntšha kwa Juda. Baperesiti le baporofeti ba maaka ba ne ba tlhoile molaetsa wa ga Jeremia. Ba ne ba raya dikgosana ba re: ‘Monna yono o tshwanetse go swa.’ Jeremia o ne a re: ‘Fa lo mpolaya, lo tla bo lo bolaya motho yo o se nang molato. Ke bua molaetsa wa ga Jehofa e seng wa me.’ Fa dikgosana di utlwa seo, di ne tsa re: ‘Monna yono ga a tshwanela go swa.’

Jeremia o ne a tswelela ka go rera mme seo se ne sa galefisa dikgosana. Di ne tsa kopa kgosi gore e bolaye Jeremia. Kgosi e ne ya ba bolelela gore ba dire sengwe le sengwe se ba se batlang ka Jeremia. Ba ne ba latlhela Jeremia mo khuting e e tletseng seretse ba akanya gore o tla swela teng. Jeremia o ne a simolola go nwela mo seretseng.

Modiredi mongwe wa kgosi e bong Ebede-meleke o ne a raya kgosi a re: ‘Dikgosana di latlhetse Jeremia mo khuting! Fa re sa mo ntshe o tlile go swa.’ Kgosi e ne ya laela Ebede-meleke gore a tseye banna ba le 30 mme ba ye go ntsha Jeremia mo khuting eo. Le rona re ka dira se Jeremia a se dirileng ka go se letle sepe se re thibela go rera molaetsa wa Modimo.

“Lo tla tlhoiwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me, le fa go ntse jalo, yo o itshokileng go fitlha kwa bokhutlong o tla bolokwa.”—Mathaio 10:22