Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 61

Ga ba A ka Ba Obama

Ga ba A ka Ba Obama

Nako nngwe morago ga gore Kgosi Nebukadenesare a lore setshwantsho, o ne a dira setshwantsho se segolo sa gauta. O ne a se baya mo godimo ga thaba ya Dura a bo a bitsa batho ba ba botlhokwa thata mo nageng eo gore ba kokoane fa pele ga sone, go akaretsa Shaderake, Meshake le Abedenego. Kgosi e ne ya ntsha taelo eno: ‘Fela fa lo utlwa modumo wa diterompeta, diharepa le diletswa tse di budulelwang moya, lo ikobele setshwantsho seno! Yo o sa obameleng setshwantsho seno, o tla latlhelwa mo khuting ya molelo.’ A Bahebera bao ba bararo ba ne ba tla ikobela setshwantsho kgotsa ba ne ba tla obamela Jehofa fela?

Kgosi e ne ya ntsha taelo ya gore mmino o tshamekiwe. Shaderake, Meshake le Abedenego ke bone fela ba ba neng ba sa obamele setshwantsho seo. Banna bangwe ba ne ba ba bona ba bo ba raya kgosi ba re: ‘Bahebera ba le ba bararo ba ganne go obamela setshwantsho sa gago.’ Nebukadenesare o ne a re ba bidiwe mme a ba raya a re: ‘Ke lo naya tshono e nngwe ya gore lo obamele setshwantsho. Fa lo sa dire jalo, ke tla lo latlhela mo khuting ya molelo. Ga go na Modimo yo o ka lo gololang mo go nna.’ Ba ne ba re: ‘Ga re tlhoke tshono e nngwe gape. Modimo wa rona o tla re boloka. Mme le fa a sa re golole wena kgosi, ga re na go obamela setshwantsho seno.’

Nebukadenesare o ne a galefa tota! O ne a raya batlhanka ba gagwe a re: ‘Gotetsang molelo wa khuti ga supa!’ Go tswa foo, o ne a laela masole a gagwe jaana: ‘Bofang banna bano mme lo ba latlheleng mo khuting!’ Molelo oo o ne o le maatla tota mo e leng gore masole a ne a a swa fa a o atamela. Bahebera bao ba bararo ba ne ba latlhelwa mo molelong. Mme e rile fa Nebukadenesare a leba mo khuting, ke fa a bona banna ba le banê ba tsamaya mo molelong. O ne a tshoga mme a botsa badiredi ba gagwe a re: ‘A ga re a latlhela banna ba le bararo mo molelong? Ke bona banna ba le banê mme yo mongwe o tshwana le moengele!’

Nebukadenesare o ne a atamela khuti a bo a goa a re: ‘Tswang, lona batlhanka ba Modimo Mogodimodimo!’ Batho botlhe ba ne ba gakgamaletse go bona Shaderake, Meshake le Abedenego ba tswa mo molelong ba siame. Letlalo la bone, meriri le diaparo tsa bone di ne di sa sha e bile ba ne ba sa nkge mosi.

Nebukadenesare o ne a re: ‘Modimo wa ga Shaderake, Meshake le Abedenego o mogolo! O ne a romela moengele wa gagwe mme a ba boloka. Ga go na modimo yo o tshwanang le wa bone.’

A o ikemiseditse go nna o ikanyega mo go Jehofa jaaka Bahebera ba bararo le fa maemo a le thata?

“Jehofa, Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.”—Mathaio 4:10