Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 62

Bogosi jo bo Tshwanang le Setlhare se Segolo

Bogosi jo bo Tshwanang le Setlhare se Segolo

Bosigo bongwe, Nebukadenesare o ne a lora toro e e tshosang. O ne a bitsa badiredi ba gagwe ba ba botlhale gore ba mo tlhalosetse gore e kaya eng. Mme go ne go se na ope wa bone yo o neng a kgona go e tlhalosa. Labofelo, kgosi e ne ya bua le Daniele.

Nebukadenesare o ne raya Daniele a re: ‘Ke ne ka lora setlhare. Se ne sa gola thata mme sa fitlha kwa loaping. Gongwe le gongwe kwa batho ba neng ba le gone ba ne ba kgona go se bona. Se ne se na le matlhare a mantle le maungo a mantsi. Diphologolo di ne di ikhutsa mo moriting wa sone le dinonyane di ne di aga dintlhaga tsa tsone mo go sone. Mme moengele o ne a fologa kwa legodimong. O ne a goa a re: “Remang setlhare, mme lo kgaole dikala tsa sone. Mme tlogelang kutu le medi ya sone mo lefatsheng, lo bo lo e bofa ka sebofo sa tshipi le sa kgotlho. Pelo ya setlhare e e tshwantshetsang pelo ya motho, e tla fetoga go nna pelo ya phologolo, mme se tla nna jaana go fitlha metlha e e supa e fela. Batho botlhe ba tla itse gore Modimo ke Mmusi, le gore o naya bogosi ope fela yo a batlang go bo mo naya.”’

Jehofa o ne a senolela Daniele gore toro eo e kaya eng. Fa Daniele a sena go tlhaloganya toro eo, o ne a tshoga. O ne a re: ‘Kgosi, ke eletsa e kete toro eno e ka bo e bua ka baba ba gago e seng ka wena. Ke wena setlhare se segolo se se neng sa remiwa . O tla latlhegelwa ke bogosi mme o tla ja tlhaga jaaka phologolo ya naga. Mme o tla nna kgosi gape ka gonne moengele o ne a re go tlogelwe kutu ya sone.’

Morago ga ngwaga, Nebukadenesare o ne a tsamayatsamaya mo borulelong jo bo sephara jwa ntlo ya gagwe ya segosi a lebile bontle jwa Babelona. O ne a re: ‘Bona gore ke agile motse o montle jang! Bona gore ke na le maatla a magolo jang!’ Fa a ntse a bua go ne ga tswa lentswe kwa legodimong le re: ‘Nebukadenesare! Jaanong o latlhegetswe ke bogosi.’

Ka yone nako eo, Nebukadenesare o ne a simolola go tsenwa a bo a itshwara jaaka phologolo ya naga. O ne a patelediwa go tswa mo ntlong ya gagwe ya segosi mme a ya go tshela le diphologolo kwa nageng. Moriri wa gagwe o ne wa nna moleele jaaka diphuka tsa ntsu le dinala tsa gagwe tsa nna jaaka tsa nonyane.

Morago ga dingwaga di le supa, Nebukadenesare o ne a siama mme Jehofa o ne a mo dira kgosi ya Babelona gape. Nebukadenesare o ne a re: ‘Ke galaletsa Jehofa, Kgosi ya magodimo. Jaanong ke a itse gore Jehofa ke Mmusi. O kokobetsa ba ba mabela e bile o tlhopha gore a ka naya mang bogosi.’

“Boikgogomoso bo latelwa ke go thubagana, mme moya o o mabela o latelwa ke go kgotšwa.”—Diane 16:18