Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 63

Mokwalo mo Loboteng

Mokwalo mo Loboteng

Fa nako e ntse e ya, Beleshasare o ne a nna kgosi ya Babelona. Bosigo bongwe o ne a laletsa batho ba le bantsintsi ba ba nang le maemo gore ba tle moketeng wa dijo. O ne a laela badiredi ba gagwe gore ba tle le dinwelo tsa gauta tse Nebukadenesare a neng a di tsere kwa tempeleng ya ga Jehofa. Beleshasare le baeng ba gagwe ba ne ba dirisa dinwelo tseo mme ba galaletsa medimo ya bone. Ka yone nako eo, go ne ga tlhaga seatla sa motho mme sa simolola go kwala mafoko a a tshosang mo leboteng.

Beleshasare o ne a tshogile thata. O ne a bitsa maselamose a gagwe mme a a tshepisa jaana: ‘Fa mongwe a ka tlhalosa mafoko ano, ke tla mo dira motho wa boraro yo o maatla mo Babelona.’ Ba ne ba leka go tlhalosa mafoko ao mme ba palelwa. Kgosigadi e ne ya tla e bo e re: ‘Go na le monna mongwe yo o bidiwang Daniele yo o neng a tlhola a tlhalosetsa Nebukadenesare ditoro. A ka go tlhalosetsa mafoko ano.’

Daniele o ne a tla kwa kgosing. Beleshasare o ne a mo raya a re: ‘Fa o ka kgona go bala mafoko ano o bo o a tlhalosa, ke tla go naya sebaga sa gauta ke bo ke go dira motho wa boraro yo o maatla mo Babelona.’ Daniele o ne a re: ‘Ga ke batle dimpho tsa gago mme ke tla go bolelela gore mafoko ano a kaya eng. Rraago Nebukadenesare o ne a itseela kwa godimo mme Jehofa o ne a mo kokobetsa. O itse dilo tse di mo diragaletseng, mme o nyaditse Jehofa ka go nwela beine mo dinwelong tsa gauta tse di tswang kwa tempeleng ya Gagwe. Ka jalo, Modimo o kwadile mafoko ano: Mene, Mene, Tekele le Paresine. Mafoko ano a kaya gore Bameda le Baperesia ba tla fenya Babelona mme o ka se tlhole o nna kgosi.’

Go ne go lebega go se ope yo o ka fenyang Babelona. Motse oo o ne o sireleditswe ke dipota tse dikima le noka e e boteng. Mme mo bosigong joo, Bameda le Baperesia ba ne ba tlhasela Babelona. Kgosi ya Peresia e bong Kurose o ne a faposa metsi a noka gore masole a gagwe a kgone go tsena mo motseng. Fa ba fitlha koo, ba ne ba fitlhela dikgoro tsa motse di bulegile. Masole a ne a tsena mo motseng ka bonako, a senya Babelona a bo a bolaya kgosi. Mme Kurose a nna kgosi ya Babelona.

Mo ngwageng oo, Kurose o ne a re: ‘Jehofa o ntheile a re ke age tempele ya gagwe sesha kwa Jerusalema. Mongwe le mongwe yo o batlang go ya go thusa, a ka nna a dira jalo.’ Ka jalo, morago ga dingwaga di le 70 Jerusalema e sena go senngwa, Bajuda ba le bantsi ba ne ba boela teng jaaka Jehofa a ne a solofeditse. Kurose o ne a busetsa dinwelo tsa gauta le tsa selefera le dilo tsotlhe tse Nebukadenesare a neng a di tsere kwa tempeleng. A o bona kafa Jehofa a ileng a dirisa Kurose ka gone go thusa batho ba Gagwe?

“O ole! Babelona yo Mogolo o ole, mme jaanong ke lefelo la bonno la madimona.”—Tshenolo 18:2