Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 64

Daniele mo Mosimeng wa Ditau

Daniele mo Mosimeng wa Ditau

Dario e ne le kgosi e nngwe ya Babelona e bile e le wa setšhaba sa Bameda. Dario o ne a lemoga gore Daniele o ne a sa tshwane le batho ba bangwe. O ne a dira gore Daniele e nne molaodi wa banna ba ba botlhokwa mo nageng. Banna ba no ba ne ba mo fufegela e bile ba ne ba batla gore a latlhegelwe ke tiro. Ba ne ba itse gore Daniele o ne a rapela Jehofa gararo ka letsatsi, ka jalo, ba ne ba raya kgosi ba re: ‘Kgosi, dira gore go nne le molao o o reng batho botlhe ba obamele wena fela. Mongwe le mongwe yo o sa reetseng molao oo o tshwanetse go latlhelwa mo khuting wa ditau.’ Dario o ne a kgatlhiwa ke se ba neng ba se bua a bo a dumela.

Fela fa Daniele a sena go utlwa molao oo, o ne a ya kwa ntlong ya gagwe. O ne a khubama fa pele ga fensetere e e bulegileng a bo a rapela Jehofa. Banna ba ba neng ba mo fufegela ba ne ba tsena mo ntlong ya gagwe ba bo ba mo fitlhela a rapela. Ba ne ba tabogela kwa go Dario ba bo ba re: ‘Daniele o gana go ikobela taelo ya gago. O rapela Modimo wa gagwe gararo ka letsatsi.’ Dario o ne a rata Daniele e bile a sa batle gore a swe. O ne a nna a akanya gore a ka sireletsa Daniele jang. Mme gone, Dario o ne a ka se fetole molao oo. O ne a tshwanelwa ke go laela banna ba gagwe gore ba latlhele Daniele mo mosimeng wa ditau tse di bogale.

Mo bosigong joo, Dario o ne a nna a tshwenyegile ka Daniele mo a neng a palelwa ke go robala. Mo mosong, o ne a tabogela kwa mosimeng a bo a goa Daniele a re: ‘A Modimo wa gago o go sireleditse?’

Dario o ne a utlwa lentswe. E ne e le la ga Daniele! O ne a raya Dario a re: ‘Moengele wa ga Jehofa o ne a tswala melomo ya ditau. Ga di a nkgobatsa.’ Dario o ne a itumetse tota! O ne a laela gore Daniele a ntshiwe mo mosimeng. Daniele o ne sa gobala. Kgosi e ne ya laela jaana: ‘Tsayang banna ba ba neng ba bona Daniele molato mme lo ba latlhele mo mosimeng.’ Fa banna bao ba sena go latlhelwa mo mosimeng, ditau di ne tsa ba ja.

Dario o ne a raya batho a re: ‘Mongwe le mongwe o tshwanetse go boifa Modimo wa ga Daniele. O golotse Daniele mo mosimeng wa ditau.’

A o rapela Jehofa letsatsi le letsatsi jaaka Daniele?

“Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.”—2 Petere 2:9