Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 66

Esera O ne A Ruta Batho Molao wa Modimo

Esera O ne A Ruta Batho Molao wa Modimo

Go ne go fetile dingwaga di ka nna 70 Baiseraele ba boetse kwa Jerusalema mme go ne go na le bangwe ba ba neng ba sa ntse ba nna mo dikgaolong dingwe tsa Peresia. Mongwe wa bone e ne e le moperesiti yo o neng a bidiwa Esera, yo o neng a ruta batho Molao wa ga Jehofa. Esera o ne a utlwetse gore batho ba kwa Jerusalema ga ba reetse Molao wa Modimo, ka jalo, o ne a batla go ya go ba thusa. Kgosi ya Peresia e bong Aretaserese o ne a mo raya a re: ‘Modimo o go neile botlhale gore o rute batho Molao wa gagwe. Tsaya batho ba ba batlang go tsamaya le wena mme o tsamaye.’ Esera o ne a kopana le batho ba ba neng ba batla go boela Jerusalema. Ba ne ba rapela Jehofa ba mo kopa gore a ba sireletse mo loetong lwa bone lo loleele mme ba tsamaya.

Ba ne ba goroga kwa Jerusalema morago ga dikgwedi di le nnê. Dikgosana tsa kwa Jerusalema di ne tsa raya Esera di re: ‘Baiseraele ba tlodile Molao wa ga Jehofa ka go nyala basadi ba ba obamelang medimo ya maaka.’ Esera o ne a dira eng? O ne a khubama fa pele ga batho a bo a rapela a re: ‘Jehofa, o re diretse dilo di le dintsi thata mme re go leofetse.’ Batho ba ne ba ikwatlhaya mme ga ba a ka ba tlogela go dira dilo tse di sa siamang. Esera o ne a tlhopha banna ba bagolwane le baatlhodi go sekaseka dikgang tseno. Mo dikgweding tse tharo tse di latelang, batho ba ba neng ba sa batle go obamela Jehofa ba ne ba kobiwa.

Go ne ga feta dingwaga di le 12. Ka nako eo, dipota tsa Jerusalema di ne di agiwa gape. Ka jalo, Esera o ne a phutha batho botlhe mme a ba balela Molao wa Modimo. Batho ba ne ba ema fa Esera a bula buka. O ne a galaletsa Jehofa mme ba tsholetsa matsogo go bontsha gore ba dumalana le ene. Go tswa foo, ba ne ba reetsa ka tlhoafalo fa a ntse a bala le go tlhalosa Molao. Ba ne ba dumela gore ga ba a reetsa Jehofa gape mme ba ne ba lela. Mo letsatsing le le latelang, Esera o ne a tswelela a ba balela Molao. Ba ne ba lemoga gore ba tshwanetse go keteka Moletlo wa Diobo. Ba ne ba simolola go ipaakanyetsa moletlo ka yone nako eo.

Moletlo o ne o tsaya malatsi a le supa mme batho ba ile ba fetsa malatsi ao ba itumetse e bile ba leboga Jehofa gore o ba neile masimo a a buduleng sentle. Go ne go ise go tsamaye go nne le Moletlo wa Diobo o o tshwanang le oo go tloga ka nako ya ga Joshua. Morago ga moletlo, batho ba ne ba phuthega mme ba rapela jaana: ‘Jehofa, o re ntshitse mo bokgobeng, wa re naya dijo kwa sekakeng wa bo wa re naya lefatshe leno le lentle. Mme re ne ra go leofela makgetlo a le mantsi. O ne wa romela baporofeti ba gago go re kgalemela, mme ga re a ba reetsa. Le fa go ntse jalo, o ne o sa re felele pelo. O ne wa dira se o se tshepisitseng Aborahame. Jaanong re go solofetsa gore re tla go reetsa.’ Ba ne ba kwala se ba se solofeditseng Modimo mme dikgosana, Balefi le baperesiti, ba ne ba baya letshwao mo maikanong ao.

“Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo ba bo ba le boloka!”—Luke 11:28