Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 68

Elisabetha o Tshola Ngwana

Elisabetha o Tshola Ngwana

Morago ga dingwaga di feta 400 fa mabota a Jerusalema a sena go agiwa sesha, moperesiti mongwe yo o bidiwang Sekarea le mosadi wa gagwe e bong Elisabetha ba ne ba nna gaufi le motse oo. Ba ne ba na le dingwaga di le dintsi ba nyalane mme ba sena bana. Letsatsi lengwe fa Sekarea a ne a fisa maswalo mo karolong e e boitshepo ya tempele, moengele Gabariele o ne a tla kwa go ene. Sekarea o ne a tshogile, mme Gabariele o ne a re: ‘O se ka wa tshoga. Ke go tliseditse dikgang tse di molemo tse di tswang kwa go Jehofa. Mosadi wa gago e bong Elisabetha o tla tshola ngwana mme leina la gagwe e tla nna Johane. Jehofa o tlhophile Johane gore a dire tiro e e botlhokwa thata.’ Sekarea o ne a mo raya a re: ‘Ke tla itse jang gore o bua boammaaruri? Nna le mosadi wa me re setse re godile gore re ka nna le ngwana.’ Gabariele o ne a mo raya a re: ‘Modimo ke ene a rileng ke go neye molaetsa ono. Mme ka gonne ga o a ntumela, ga o kitla o kgona go bua gape go fitlha ngwana a tsholwa.’

Sekarea o ne a nna lobaka lo loleele mo tempeleng. E rile a tswa, batho ba ba neng ba eme kwa ntle ba ne ba batla go itse gore go diragetseng. Sekarea o ne a sa kgone go bua. O ne a kgona go bua fela ka diatla. Ka jalo, batho ba ne ba lemoga gore Sekarea o ne a neilwe molaetsa o o tswang kwa Modimong.

Moragonyana, Elisabetha o ne a ima mme a tshola ngwana wa mosimane fela jaaka moengele a ne a buile. Ba masika le ditsala ba ne ba tla go bona lesea. Ba ne ba itumeletse Elisabetha tota. Elisabetha o ne a re: ‘Leina la gagwe e tla nna Johane.’ Ba ne ba re: ‘Ga go na ope mo losikeng lwa gago yo o bidiwang Johane. Mmitse ka leina la ga rraagwe e bong Sekarea.’ Mme Sekarea o ne a ba kwalela a re: ‘Leina la gagwe ke Johane.’ Ka yone nako eo, Sekarea o ne a kgona go bua gape! Dikgang ka lesea leo di ne tsa anama mo Judea yotlhe mme batho ba ne ba ipotsa gore: ‘Ngwana yono o tla nna eng fa a gola?’

Go tswa foo, Sekarea o ne a tlala moya o o boitshepo. O ne a porofeta jaana: ‘A Jehofa a bakwe. O ne a solofetsa Aborahame gore o tla romela mmoloki e bong Mesia, go tla go re golola. Johane o tla nna moporofeti e bile o tla baakanyetsa Mesia go tshela mo lefatsheng.’

Gape Marea yo e neng e le wa losika lwa ga Elisabetha, o ne a diragalelwa ke sengwe se se gakgamatsang. A re boneng mo kgaolong e e latelang gore o ne a diragalelwa ke eng.

“Mo bathong seno ga se kgonege, mme mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.”—Mathaio 19:26