Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 69

Gabariele o Etela Marea

Gabariele o Etela Marea

Go ne go na le lekgarebe lengwe le le bidiwang Marea le le neng le nna mo motseng wa Nasaretha kwa Galalea, mme e le wa losika lwa ga Elisabetha. Marea o ne a tlile go nyalwa ke Josefa yo o neng a dira tiro ya go betla. Fa Elisabetha a na le dikgwedi di le thataro a imile, moengele Gabariele o ne a etela Marea. O ne a re: ‘Dumela Marea. Jehofa o go ratile thata.’ Marea o ne a sa tlhaloganye se moengele a se buang. Gabariele o ne a mo raya a re: ‘O tla ima o bo o tshola ngwana wa mosimane mme o mmitse Jesu. O tla nna Kgosi. Bogosi jwa gagwe bo tla nnela ruri.’

Marea o ne a mo raya a re: ‘Ke tla tshola ngwana jang ke ise ke tlhakanele dikobo?’ Gabariele o ne a mo raya a re: ‘Jehofa ga a palelwe ke sepe. Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena mme o tla tshola ngwana. Elisabetha wa losika lwa gago le ene o imile.’ Marea o ne a re: ‘Ke lelata la ga Jehofa. E kete nka diragalelwa ke se o se buileng.’

Marea o ne a tlhatloga dithaba a etela Elisabetha. E rile a mo dumedisa, lesea le le mo mpeng ya ga Elisabetha le ne la tlola. E re ka Elisabetha a ne a tletse moya o o boitshepo, o ne a re: ‘Marea, Jehofa o go segofaditse. Ke itumelela go bo mmaagwe Morena wa me a nketetse.’ Marea o ne a re: ‘Ke baka Jehofa ka pelo ya me yotlhe.’ Marea o ne a nna le Elisabetha ka dikgwedi di le tharo a bo a boela kwa legaeng la gagwe kwa Nasaretha.

Fa Josefa a se na go utlwa gore Marea o imile, o ne a batla go kgaogana le ene. Mme Josefa o ne a lora moengele a mo raya a re: ‘O se ka wa tshaba go mo nyala. Ga a dira sepe se se phoso.’ Ka jalo, Josefa o ne a nyala Marea mme a mo tlisa mo ntlong ya gagwe.

“Jehofa o dira sengwe le sengwe se a itumelelang go se dira kwa magodimong le mo lefatsheng.”—Pesalema 135:6