Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 71

Jehofa O ne A Sireletsa Jesu

Jehofa O ne A Sireletsa Jesu

Kwa botlhaba jwa Iseraele, go ne go na le batho ba ba neng ba dumela gore dinaledi di ka kgona go ba kaela. Bosigo bongwe, banna bangwe ba ba tswang kwa Botlhaba ba ne ba bona sengwe se e keteng naledi e e phatsimang mme ba e sala morago. “Naledi” eo e ne ya ba isa kwa Jerusalema. Banna bao ba ne ba botsa batho jaana: ‘O kae ngwana yo o tlileng go nna kgosi ya Bajuda? Re batla go obama fa pele ga gagwe.’

Fa kgosi ya Jerusalema e bong Herode a utlwa gore go tlile go nna le kgosi e ntšha, o ne a tshwenyega thata. O ne a botsa baperesiti jaana: ‘Kgosi eno e tla tsholelwa kae?’ Ba ne ba mo raya ba re: ‘Baporofeti ba rile o tla tsholelwa kwa Bethelehema.’ Ka jalo, Herode o ne a bitsa banna ba kwa Botlhaba a bo a ba raya a re: ‘Yang kwa Bethelehema lo ye go batla ngwana yoo, lo bo lo tla go mpolelela gore o kwa kae. Le nna ke batla go obama fa pele ga gagwe.’ Mme o ne a bua maaka.

“Naledi” e ne ya simolola go tsamaya gape. Banna bao ba ne ba e sala morago go fitlha kwa Bethelehema. “Naledi” e ne ya ema fa godimo ga ntlo mme banna bao ba tsena mo ntlong eo. Ba ne ba fitlhela Jesu a na le mmagwe e bong Marea. Ba ne ba obama fa pele ga ngwana yoo ba bo ba mo naya dimpho tsa gauta, lebano le mera. A Jehofa o ne a rometse banna bao go ya go batla Jesu? Nnyaa.

Mo bosigong joo, Jehofa o ne a bolelela Josefa mo torong a re: ‘Herode o batla go bolaya Jesu. Tsaya mosadi le ngwana wa gago mme lo tshabele kwa Egepeto. O nne koo go fitlha ke go raya ke re o ka nna wa boa.’ Ka yone nako eo, Josefa le lelapa la gagwe ba ne ba ya kwa Egepeto.

Jehofa o ne a boleletse banna ba kwa Botlhaba gore ba se ka ba boela kwa go Herode. Fa Herode a lemoga gore banna bao ga ba boele kwa go ene o ne a galefa. E re ka a ne a sa itse gore Jesu o kae, o ne a laela gore bana botlhe mo Bethelehema ba ba lekanang le Jesu ba bolawe. Mme Jesu o ne a sireletsegile, a le kwa Egepeto.

Moragonyana, Herode o ne a swa. Jehofa o ne a raya Josefa a re: ‘Jaanong o ka nna wa boela kwa Iseraele.’ Josefa, Marea le Jesu ba ne ba boela kwa Iseraele mme ba nna kwa motseng wa Nasaretha.

“Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le lone le tla nna jalo . . . , e bile le tla atlega mo go se ke le romelang gore le se dire.”—Isaia 55:11