Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 72

Jesu a le Monnye

Jesu a le Monnye

Josefa le Marea ba ne ba nna kwa Nasaretha le Jesu le bana ba bone ba basetsana le ba basimane. Josefa o ne a dira tiro ya go betla gore a kgone go tlhokomela lelapa la gagwe e bile o ne a ba ruta ka Jehofa le Molao wa gagwe. Lelapa leo le ne le ya kwa sinagogeng ka metlha go ya go obamela Jehofa e bile le ya kwa Jerusalema ngwaga le ngwaga go ya go keteka moletlo wa Tlolaganyo.

Fa Jesu a le dingwaga di le 12, lelapa la gagwe le ne la tsaya loeto lo loleele go ya kwa Jerusalema. Motse o ne o na le batho ba le bantsi ba ba neng ba tlile go keteka Tlolaganyo. Morago ga Tlolaganyo, Josefa le Marea ba ne ba boela gae ba akanya gore Jesu o teng mo bathong ba ba neng ba tsamaya le bone. Mme fa ba mmatla mo go ba masika, o ne a seyo.

Ba ne ba boela Jerusalema mme ba fetsa malatsi a le mararo ba ntse ba mmatla. Labofelo, ba ne ba ya kwa tempeleng. Ba ne ba fitlhela Jesu a ntse le barutisi, a ba reeditse ka kelotlhoko e bile a ba botsa dipotso. Barutisi ba ne ba kgatlhilwe ke Jesu thata mme ba simolola go mmotsa dipotso. Mme ba ne ba gakgamadiwa ke dikarabo tsa gagwe. Ba ne ba kgona go lemoga gore o ne a tlhaloganya Molao wa ga Jehofa.

Josefa le Marea ba ne ba tshwenyegile tota. Marea o ne a re: ‘Ngwanake, re ntse re go batla! O ntse o le kae?’ Jesu o ne a re: ‘A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse go nna mo ntlong ya ga Rre?’

Jesu o ne a ya gae le batsadi ba gagwe kwa Nasaretha. Josefa o ne a ruta Jesu tiro ya go betla. O akanya gore Jesu e ne e le motho yo o ntseng jang fa e le mosha? Fa Jesu a ntse a gola, o ne a nna botlhale thata mme o ne a ratiwa ke Modimo le batho.

“Ke itumelela go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.”—Pesalema 40:8