Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 75

Diabolo o Raela Jesu

Diabolo o Raela Jesu

Moya o o boitshepo o ne wa isa Jesu kwa nageng fa a sena go kolobediwa. O ne a sa je sepe ka malatsi a le 40 mme o ne a tshwara ke tlala. Go tswa foo, Diabolo o ne a tla kwa go ene mme a mo raya a re: ‘Fa e le gore o Morwa Modimo, raya maje ano o re a fetoge borotho.’ Mme Jesu o ne a mo araba a re: ‘Dikwalo di a re motho ga a tlhoke go tshela ka dijo fela. O tlhoka go reetsa lentswe la ga Jehofa.’

Go tswa foo, Diabolo a raela Jesu a re: ‘Fa e le gore o Morwa Modimo, itatlhele kwa tlase. Ka gonne Dikwalo di a re Modimo o tla romela moengele wa gagwe gore a go tshware.’ Jesu o ne a mo araba gape a re: ‘Dikwalo di a re o se ka wa leka Jehofa.’

Satane o ne a bontsha Jesu dipuso tsa lefatshe le dikhumo a bo a re: Ke tla go naya dipuso tseno tsotlhe le dikhumo tsa tsone fa o ka nkobamela gangwe fela.’ Jesu o ne a mo raya a re: ‘Tsamaya Satane! Dikwalo di a re re tshwanetse go obamela Jehofa fela.’

Diabolo o ne a tsamaya mme baengele ba tla go naya Jesu dijo. Go tswa foo, Jesu o ne a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ke yone tiro e Modimo a neng a mo romile gore a tle go e dira. Batho ba ne ba rata dilo tse Jesu a neng a ba ruta tsone e bile ba ne ba mo sala morago gongwe le gongwe kwa a yang gone.

“Fa [Diabolo] a bua maaka, o bua go ya ka se a leng sone, ka gonne ke moaki le ramaaka.”—Johane 8:44